BOTSHELO JWA BOKERESETE
Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Boela Kwa Bathong ba ba Bontshitseng Kgatlhego
GORENG GO LE BOTLHOKWA: Bontsi jwa batho ba re kopanang le bone mo bodireding ba batla go ithuta boammaaruri ka Modimo. (Isa 55:6) Fa re batla go ba thusa, re tshwanetse go boela kwa go bone gangwe le gape. E re ka batho ba sa tshwane, go na le ditsela tse di farologaneng tse re ka di dirisang go ba thusa gore ba tswelele ba kgatlhegela molaetsa wa rona. Mme gone, fa re baakanyetsa sentle, re ka kgona go boela kwa go bone ka boikaelelo jwa go simolola thuto ya Baebele.
SE O KA SE DIRANG:
Leka go boa ka bonako, gongwe morago ga malatsi a se kae.—Mat 13:19
Nna botsalano e bile o mmontshe tlotlo. Leka go ritibala
Mo dumedise ka lorato. Mmitse ka leina. Mo gopotse lebaka la go bo o boile—gongwe o tlile go araba potso e o mo tlogetseng ka yone, go mo tlisetsa makasine, go mmontsha website ya rona, go mmontsha bidio nngwe kgotsa go mmontsha kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone. Fa go na le sengwe se sele se se mo kgatlhang, tlotlang ka sone.—Baf 2:4
Nosetsa peo ya boammaaruri e e mo pelong ya gagwe ka go bala temana e e rileng kgotsa go mo tlogelela kgatiso nngwe. (1Bak 3:6) Leka go nna tsala ya gagwe
Mo tlogele ka potso e lo tla tlotlang ka yone mo nakong e e tlang