MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DIPESALEMA 79-86
Ke Mang yo o Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago?
Motlhami wa Pesalema 83 e ka tswa e ne e le setlogolwana sa ga Asafe wa Molefi, yo o tshetseng ka motlha wa ga Kgosi Dafide. Pesalema eno e kwadilwe ka nako ya fa ditšhaba tse dingwe di ne di batla go tlhasela batho ba ga Jehofa.
Fa mopesalema a ne a rapela, o ne a tlhomile mogopolo mo leineng la ga Jehofa le mo bolaoding jwa Gagwe go na le mo pabalesegong ya gagwe
Le gompieno, batlhanka ba Modimo ba sa ntse ba tlhaselwa. Go nna re itshokile ka boikanyegi go tlotlomatsa Jehofa
Jehofa o batla gore re itse leina la gagwe
Boitshwaro jwa rona bo tshwanetse go bontsha gore Jehofa ke Motho wa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa rona