BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Ke Fano! Roma Nna!”
Isaia o re tlhometse sekao se se molemo sa go ithaopa. O ile a bontsha tumelo ka go ithaopa a sa okaoke le fa a ne a se na dintlha tsotlhe. (Isa 6:8) A o ka kgona go rulaganya maemo a gago gore o kgone go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi? (Pes 110:3) Gone o tla tlhoka go “bala ditshenyegelo” tsa go dira jalo. (Luk 14:27, 28) Le fa go ntse jalo, ikemisetse go intsha setlhabelo mo tirong ya go rera. (Mat 8:20; Mar 10:28-30) Bidio ya Go Direla Kwa go Nang le Tlhokego Gone e re bontshitse gore masego a re a neweng ke Jehofa mo tirelong ya gagwe a feta dilo tse re di ithontshitseng.
ARABA DIPOTSO TSENO FA O SENA GO LEBA BIDIO:
Boorra Williams ba ithontshitse dilo dife gore ba kgone go ya go direla kwa Ecuador?
Ba ne ba akanyetsa dilo dife fa ba dira tshwetso ya go fuduga?
Ba nnile le masego afe?
O ka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kwa go nang le tlhokego gone?
KA NAKO YA KOBAMELO YA LELAPA E E TLANG, TLOTLANG KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Re ka oketsa bodiredi jwa rona jang mo lelapeng? (km 8/11 4-6)
Fa e le gore ga re kgone go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, re ka thusa phuthego ya rona jang? (w16.03 3-5)