MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 51-52
Sengwe le Sengwe se Jehofa a se Buang se a Diragala
Jehofa o ne a bua ka dilo tse di sa ntseng di tla direga mo isagweng
Modisa wa ntlo ya segosi ya Peresia a tshwere motswi
“Phatsimisang metswi”
Bameda le Baperesia ba ne ba itshireletsa ka go hula metswi. Ba ne ba phatsimisa metswi ya bone gore e kgone go tlhabelela kwa teng thata
“Banna ba ba thata ba Babelona ba tlogetse go tlhabana”
Letlapa le le kwadilweng pego ya botshelo jwa ga Kgosi Nabonidase (Nabonidus Chronicle) ya re: “Masole a ga Kurose a tsene mo Babelona a sa lwa.” Seno se raya gore ga go a ka ga tsoga ntwa fela jaaka boporofeti jwa ga Jeremia bo buile
Letlapa la Nabonidus Chronicle
‘Babelona o tla nna mekoa ya maje [e bile o tla] kgakgabala ka bosakhutleng’
Go simologa ka 539 B.C.E., motse wa Babelona o ne a sa tlhole o tseelwa kwa godimo thata. Alexander yo Mogolo o ne a batla go o dira motsemoshate wa puso ya gagwe mme o ne a swa pele a ka dira jalo. Fa motlha wa Bakeresete o simologa, go ne go na le Bajuda ba ba nnang kwa Babelona, ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a ba etela. Mme ka dingwaga tsa bo400, motse oo o ne o senyegile mme kwa bofelong o ne o sa tlhole o nniwa