BOTSHELO JWA BOKERESETE
A o Kgona go Lebala Diphoso Tse o di Dirileng?
Fa re dirile diphoso mme Jehofa a re itshwaretse, go ka nna thata go lebala ka tsone. Kwa Kopanong ya Tikologo ya 2016 ya setlhogo se se reng, “Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!” go ne go na le puo le bidio e e neng e sekaseka kgang eno. Leba bidio eo gape mo app ya JW Library mme o arabe dipotso tse di latelang:
Kedibone o ne a na le lobaka lo lo kae a kgaotswe?
Ke temana efe e bagolwane ba neng ba e balela Kedibone mme e ile ya mo thusa jang?
Phuthego e ile ya tshwara Kedibone jang fa a sena go busediwa?
Ke maikutlo afe a Kedibone a neng a lwa le one, mme rraagwe o ne a mo thusa jang?