BOTSHELO JWA BOKERESETE
A Nka Nna Mmulatsela yo o Thusang?
Ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele e re ruta gore batho ba ga Jehofa ba tla ithaopa ka go rata. Re ka nna jang le seabe mo go ntsheng ditlhabelo tsa pako?—Bah 13:15, 16.
Tsela nngwe ke ka go nna mmulatsela yo o thusang. Mo ngwageng wa tirelo wa 2018, go na le dikgwedi tse di nang Bomatlhatso kgotsa Bosontaga ba le batlhano. Seno se thusa thata batho ba ba batlang go nna babulatsela ba ba thusang mme gone ba bereka mo gare ga beke. Mo godimo ga moo, baboledi ba ka tlhopha go bereka diura di le 30 kgotsa di le 50 ka kgwedi ya March le April le ka kgwedi ya fa molebedi wa potologo a etetse phuthego.
Re ka dirang fa maemo a rona a sa re letle go nna babulatsela ba ba thusang? Re ka leka go fetsa nako e ntsi mo bodireding le go tokafatsa tsela e re rerang ka yone. Le fa maemo a rona a ka tswa a ntse jang, tsela e re ratang Jehofa ka yone e tla re tlhotlheletsa gore re dire bojotlhe ka ngwaga wa tirelo wa 2018.—Hos 14:2.
Nka tlhagafala jang jaaka Sabina Hernández?
LEBA BIDIO YA SABINA HERNÁNDEZ: JEHOFA A KA NTHUSA GO DIRA SENGWE LE SENGWE, GO TSWA FOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ke eng se se ileng sa dira gore Sabina a batle go oketsa bodiredi jwa gagwe?
Sekao sa ga Sabina se go kgothatsa jang?
O batla go nna mmulatsela yo o thusang ka dikgwedi dife ka ngwaga wa tirelo wa 2018?