LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 December ts. 7
  • Lorato Lwa Mmatota ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato Lwa Mmatota ke Eng?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa Malapa a ka Bonang Thuso Gone
    Tsogang!—2018
  • Sireletsa Lenyalo la Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dirisa JW.ORG go Bona Thuso ka Dilo Tsa Letsatsi le Letsatsi
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 December ts. 7

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Lorato Lwa Mmatota ke Eng?

Jehofa o dirile gore lenyalo e nne thulaganyo e e nnelang ruri magareng ga monna le mosadi. (Ge 2:22-24) Banyalani ba ka tlhalana fela fa yo mongwe a dirile boaka. (Mal 2:16; Mat 19:9) E re ka Jehofa a batla gore banyalani ba itumele, o neile Bakeresete melaometheo e e ka ba thusang go batla molekane yo o siameng wa lenyalo le gore ba nne ba itumetse mo lenyalong.—Mor 5:4-6.

LEBA BIDIO YA LORATO LWA MMATOTA KE ENG?, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Rraagwe Kele o bua le ngwana wa gagwe

    Ke eng fa kgakololo e batsadi ba ga Kele ba ileng ba mo naya yone e bontsha lorato e bile e le botlhale?

  • Ke eng fa go se botlhale go akanya gore o ka kgona go fetola motho yo o ratanang le ene?

  • Boora Bogosi ba ile ba naya Kele kgakololo efe?

  • Kgang le Magadi ba le kwa dipokanong

    Ke eng fa Kgang le Magadi ba ile ba lebana le mathata mo lenyalong la bone?

  • Kele le Jona ba le kwa dipokanong

    Jona le Kele ba ne ba na le mekgele efe ya go direla Jehofa?

  • Pele o dira maikano a lenyalo le motho yo mongwe, goreng o tshwanetse go itse “motho wa sephiri wa pelo”? (1Pe 3:4)

  • Lorato lwa mmatota ke eng? (1Bak 13:4-8)

Bakeresete ba ka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng e e malebana le dikgang tsa go ratana?

  • Dibidio Tse di mo JW Broadcasting Tsa Go Ipaakanyetsa Lenyalo

  • Bidio ya JW.ORG ya A o A go Rata Kgotsa o Tseegile Maikutlo?

  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 le 2

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa (Leba mo karolong ya “Botshelo Jwa Lelapa,” o bo o leba “Go Intsha le go Ratana.”)

Banyalani ba ka bona kae kgakololo e e ka ba thusang?

  • Ditlhogo tse di mo JW.ORG (Tsena mo DITHUTO TSA BAEBELE > GO THUSA LELAPA.)

  • Boroutšhara jwa Lelapa la Gago le ka Itumela

  • Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa (Leba mo karolong ya “Botshelo Jwa Lelapa,” o bo o leba “Lenyalo.”)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela