LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 April ts. 8
  • Go Rera le go Ruta go re Thusa go Dira Barutwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera le go Ruta go re Thusa go Dira Barutwa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Batho go Nna Barutwa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • A o Ka Thusa mo Tirong ya go Dira Barutwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go se Kgaotse go Bolela Mafoko a a Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 April ts. 8

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Rera le go Ruta go re Thusa go Dira Barutwa

Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tsamaye ba ye go dira batho barutwa. (Mat 28:19) Go dira batho barutwa go akaretsa go ba rerela le go ba ruta. Re tshwanetse go nna re ipotsa gore, ‘Nka tokafatsa jang tsela e ke dirang tiro ya go dira barutwa ka yone?’

GO RERA

Ga re a tshwanela go emela gore batho ba tle kwa go rona, re tshwanetse go ya go batla batho ‘ba ba tshwanetseng.’ (Mat 10:11) Fa o le mo bodireding, a o leka ka natla go rerela mongwe le mongwe yo o kopanang le ene? (Dit 17:17) Lidia o ile a nna morutwa ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a rerela mongwe le mongwe.—Dit 16:13-15.

Obakeng o naya Kaone makasine; Nkhumisang le Dimakatso ba rerela Kaone le Abueng

“Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa” (Mor 11:6)

LEBA BIDIO YA TSWELELA O RERA O “SA KGAOTSE”—RERELA BATHO LE FA O SE MO BODIREDING LE KA NTLO LE NTLO, GO TSWA FOO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Obakeng o ne a dira eng letsatsi le letsatsi go bontsha gore o jala peo ya boammaaruri?

  • Goreng re tshwanetse go rera gongwe le gongwe kwa re kopanang le batho gone?

  • Ke bomang ba o ka ba rerelang fa o ntse o tsweletse ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi?

GO RUTA

Fa re batla go dira batho barutwa, ga re a tshwanela go ba tlogelela dikgatiso fela. Re tshwanetse go boela kwa go bone le go ba tshwarela dithuto tsa Baebele gore ba kgone go itse Modimo. (1Bak 3:6-9) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira eng fa re lekile go ruta motho Baebele mme go bonala a sa dire diphetogo ka bonako? (Mat 13:19-22) Re tshwanetse go nna re batla batho ba dipelo tsa bone di tshwanang le ‘mmu o o molemo.’—Mat 13:23; Dit 13:48.

Nkhumisang le Dimakatso ba ithuta Baebele le Kaone le Abueng; Kaone le Abueng ba rera mmogo

“Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne a nna a godisa” (1Bak 3:6)

LEBA BIDIO YA TSWELELA O RERA O “SA KGAOTSE”—RERA PHATLALATSA MME O DIRE BARUTWA, GO TSWA FOO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Nkhumisang le Dimakatso ba ile ba jala peo ya boammaaruri jang mo pelong ya ga Kaone le Abueng?

  • Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna eng fa re rerela batho, go akaretsa le fa re rera ka dikolotsana?

  • Re ka dira eng gore go tshwara dithuto tsa Baebele e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a rona?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela