LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/96 ts. 1
  • Go se Kgaotse go Bolela Mafoko a a Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go se Kgaotse go Bolela Mafoko a a Molemo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Tla Utlwa Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo re sa Kgaotse
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Rera o sa Kgaotse
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tswelang Pele lo Ruta lo sa Kgaotse
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 8/96 ts. 1

Go se Kgaotse go Bolela Mafoko a a Molemo

1 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya bodiredi jwa bone ka tsela e e masisi tota. Luke o begile jaana: “Ka malatsi otlhe, mo tempeleng le mo magabone, ba se ka ba bakela go ruta le go rera Jesu, fa e le Keresete.” (Dit. 5:42) Go ne go se sepe, tota le eleng dipogiso, se se neng se ka ba thibela! (Dit. 8:4) Ba ne ba bua le ba bangwe ka boammaaruri letsatsi le letsatsi.

2 Go tweng ka rona? Ipotse: ‘A ke bona go potlaka ga dinako? A ke ikemiseditse go tswelela ke bolela mafoko a a molemo ke sa kgaotse?’

3 Dikao Tsa Motlha wa Segompieno Tsa go Rera Kwantle ga go Kgaotsa: Kgaitsadi mongwe yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa pholio, o ne a nna fela mo motšhining o o thusang go hema. O ne a sa kgone go ya kwa Holong ya Bogosi kana go nna gone kwa kopanong. Mme o ne a tshwaregile fela thata ka go bolela mafoko a a molemo. Dingwaga di le 37 tse a di ntseng moo, o ne a kgona go thusa batho ba ba 17 go ithuta boammaaruri! O ne a kgona go dira seo jang? Lefa a ne a sa kgone go ya ka ntlo le ntlo, o ne a bona tsela ya go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo letsatsi lengwe le lengwe mo go ba ba tlang mo go ene.

4 Bakaulengwe ba rona kwa Bosnia ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela ntwa le go tseelwa dilo tsa bone. Lefa go ntse jalo, ka metlha ba tswelela ba rerela ba bangwe. Kwa Sarajevo baboledi ba ntse ba dira palogare ya diura tse 20 kgwedi nngwe le nngwe ba bua le ba bangwe ka mafoko a a molemo, mme ba tshwara palogare ya dithuto tse pedi tsa Baebele mongwe le mongwe. Go sa kgathalesege maemo a bone a a botlhoko, ba rera e bile ba ruta ba sa kgaotse.

5 Ba ba botlana le bone ba bontsha botlhaga mo bodireding. Lelapa lengwe la Basupi kwa Rwanda le ne la tsenngwa mo kamoreng koo masole a neng a ipaakanyeditse go ba bolaela gone. Lelapa le ne la kopa gore le letlelelwe go rapela pele. Le ne la dumelelwa go dira jalo, mme morwadiabone yo mmotlana, Deborah, o ne a rapela ka lentswe le le kwa godimo jaana: “Jehofa, mo bekeng eno nna le Papa re tsamaisitse dimakasine di le tlhano. Re tlile go boela jang kwa bathong bano gore re ba rute boammaaruri le go ba thusa go bona botshelo?” Lelapa lotlhe le ne la bolokwa ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e nonofileng le go rata gagwe bodiredi.

6 Gompieno, go a tlhokega gore re batle ditshono tsa go neela ba bangwe bosupi le go batla ba ba “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Tumalanong le maemo a lefelo la lona, bagolwane ba phuthego ba dira dithulaganyo tsa go neela bosupi lo le setlhopha ka dinako tse di tshwanetseng, e ka tswa e le mo mesong, motshegare, kana maitseboa. Ditlhogo tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi le dikarolo tsa Dipokano tsa Tirelo, dikopano tsa potologo, le dikopano tsa kgaolo di re naya dikakantsho tse di mo nakong le kgothatso ya go nna le seabe mo ditseleng tse di farologaneng tsa go neela bosupi ka Bogosi. Go tlatseletsa mo go seno, balebedi ba potologo le ba kgaolo ba thapisa baboledi go neela bosupi mo mmileng, ba ba bontsha gore ba ka bereka jang tshimo ya kgwebo, mme ba ba supetsa ditsela tse dingwe tsa go neela bosupi gongwe le gongwe kwa go fitlhelwang batho gone. Tsotlhe tseno di gatelela go se kgaotse go bolela mafoko a a molemo!

7 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba bolela jaana ka bopelokgale: “Ga re na sepe fa e se go bua fela ka dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.” Ba ne ba itshoka jang lefa ba ne ba lebane le dikgoreletsi tsotlhe? Ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse, mme o ne a dira jalo, mme “botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo mme ba nna ba bua lefoko la Modimo ka pelokgale.” (Dit. 4:20, 29, 31) Ga se mongwe le mongwe yo o ka segofadiwang ka maitemogelo a a tlhomologileng mo bodireding, mme fa tota re batla go bolela mafoko a a molemo re sa kgaotse e bile fa re dira maiteko a go dira jalo ka letsatsi le letsatsi, Jehofa o tla re thusa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela