LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/09 ts. 1
  • Ba Tla Utlwa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Tla Utlwa Jang?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go se Kgaotse go Bolela Mafoko a a Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Rera o sa Kgaotse
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 1/09 ts. 1

Ba Tla Utlwa Jang?

1. Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e ka nna thata mme ke ka ntlha yang fa re tswelela ka go e dira?

1 E re ka letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela ka bonako, go potlakile thata gore re thuse batho ba bangwe ba bantsi gore ba bone kitso ya boammaaruri ka ga Modimo le ka maikaelelo a gagwe ka batho. (Joh. 17:3; 2 Pet. 3:9, 10) Seno se ka nna thata ka dinako tse dingwe, ka gonne ba le bantsi ba ka nna ba bo ba sa kgatlhege kgotsa ba ka nna ba re sotla ka ntlha ya tiro ya rona ya go rera. (2 Pet. 3:3, 4) Le fa go ntse jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore go sa ntse go na le bangwe mo tshimong ya rona ba ba tla amogelang dikgang tse di molemo fa ba ka di utlwa. Batho ba ba ntseng jalo ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o ba rerelang?—Bar. 10:14, 15.

2. Sekao sa ga moaposetoloi Paulo se re kgothatsa jang?

2 Go Lebana le Kganetso: E re ka go na le batho ba le bantsi ba ba iketleeditseng go utlwa molaetsa wa Bogosi, ga re a tshwanela go kgobega marapo. Motse wa Filipi e ne e le wa ntlha kwa Yuropa o o neng wa utlwa moaposetoloi Paulo a rera dikgang tse di molemo. Fa ene le Silase ba ne ba latofadiwa ka maaka, ka bobedi jwa bone ba ne ba itewa ka dithobane mme ba latlhelwa mo kgolegelong. (Dit. 16:16-24) Le fa go ntse jalo, boitemogelo jo bo botlhoko joo ga bo a ka jwa dira gore Paulo a tlogele go rera ka ntlha ya poifo. Fa a ne a etetse Thesalonika, motse o o latelang mo loetong lwa gagwe lwa borongwa, o ne a ‘nna pelokgale ka ntlha ya Modimo.’ (1 Bathes. 2:2) A sekao sa ga Paulo ga se re neye lebaka la gore re se ka ra ‘lapa’?—Bagal. 6:9.

3. Ke eng se se ka dirang gore bangwe ba pele ba neng ba sa kgatlhege ba fetole maikutlo a bone?

3 Batho ba le bantsi ba ba ileng ba gana go reetsa ka dingwaga di le dintsi ba ile ba fetola maikutlo a bone. Go fetoga ga seemo sa itsholelo, bolwetse, go tlhokafala ga mongwe mo lelapeng kgotsa dipego tsa ditiragalo tse di tshosang mo lefatsheng go ka nna ga dira gore batho ba fetole maikutlo a bone. (1 Bakor. 7:31) Bangwe ba batsadi ba bone ba neng ba gana boammaaruri, gone jaanong ba godile mme ba iketleeleditse go reetsa. Fa re tswelela re rera re naya batho ba ba ntseng jalo tshono ya go ‘bitsa leina la ga Jehofa’ pele ga go nna thari thata.—Bar. 10:13.

4. Ke eng se se re tlhotlheletsang go tswelela pele mo bodireding re ‘sa kgaotse’?

4 ‘Re sa Kgaotse’: Go rata ga rona Modimo le baagelani go tla re tlhotlheletsa gore re tswelele ‘re sa kgaotse’ mo tirong ya rona ya go rera le go dira barutwa, fela jaaka baaposetoloi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira. (Dit. 5:42) Ba le bantsi gompieno ba ‘fegelwa le go sonela ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha’ tse di diregang gone jaanong. (Esek. 9:4) A bo batho ba ba ntseng jalo ba nna le tsholofelo le go wela makgwafo thata jang ne fa ba utlwa dikgang tse di molemo! Le fa batho ba le bantsi ba gana go reetsa, Dikwalo di re tlhomamisetsa gore Jehofa o itumelela maiteko a rona thata.—Baheb. 13:15, 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela