LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/07 ts. 4
  • Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Re Berekile Tshimo ya Rona Gantsi!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • O se Lape go Dira Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna re Rera?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Ntse re Boa re sa Kgaotse?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 7/07 ts. 4

Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape

1. Go tsoga potso efe malebana le tiro ya rona ya go rera?

1 Mo mafelong a le mantsi, re akaretsa tshimo ya rona gangwe le gape. Re nna re boela kwa matlong a a tshwanang gangwe le gape, le fa mong wa ntlo a ka ne a re boleletse gore ga a kgatlhege. Ke ka ntlha yang fa re nna re etela batho ba ba sa arabelang sentle mo nakong e e fetileng?

2. Lebaka la konokono la go bo re itshoka mo bodireding ke lefe?

2 Rata Jehofa le Batho: Lebaka la konokono la go bo re itshoka mo bodireding ke ka go bo re rata Jehofa. Pelo ya rona e re tlhotlheletsa go tswelela pele re bolelela ba bangwe ka Modimo wa rona yo mogolo. (Luke 6:45) Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re tlhotlheletsa go ikobela ditaelo tsa gagwe le go thusa ba bangwe go dira se se tshwanang. (Dia. 27:11; 1 Joh. 5:3) Go itshoka ka boikanyegi mo tirong eno ga go ikaege ka tsela e batho ba arabelang ka yone. Tota le fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bogisiwa, ba ne ba tswelela ba rera “ba sa kgaotse.” (Dit. 5:42) Fa batho ba gana go reetsa, go na le gore re letle seno go re kgoba marapo, re nna re nitame, re bontsha lorato lwa rona lo logolo le boineelo jwa rona mo go Jehofa.

3. Go rata batho go tla re thusa jang go tswelela pele re rera?

3 Gape re a itshoka ka gonne re rata moagelani wa rona. (Luke 10:27) Jehofa ga a batle gore ope a senngwe. (2 Pet. 3:9) Tota le mo tshimong e e berekiwang gangwe le gape, re sa ntse re bona batho ba ba batlang go direla Jehofa. Ka sekai, kwa Guadeloupe, motho a le mongwe mo go ba le 56 ke Mosupi wa ga Jehofa, mme batho ba le 214 ba ne ba kolobediwa ngogola. Batho ba ka nna 20 000 ba ne ba tla Segopotsong, mo e ka nnang motho a le mongwe mo go ba le 22 kwa Guadeloupe!

4. Tshimo e fetoga ka ditsela dife?

4 Go Fetoga ga Tshimo: Ka metlha go nna go na le batho ba ba farologaneng mo tshimong ya rona. Nako e e tlang fa re etela batho ba ba neng ba sa kgatlhege, leloko le sele la lelapa—gongwe motho yo a iseng a utlwe molaetsa wa rona—a ka bula kgoro le go reetsa. Kgotsa re ka nna ra fitlhela beng ba basha ba matlo ba ba kgatlhegang. Bana ba ba nang le batsadi ba ba ganetsang ba a gola ba bo ba tswa mo gae. Batho bano ba ka tswa ba rata go reetsa molaetsa wa Bogosi.

5. Ke eng se se ka dirang gore batho ba batle go reetsa molaetsa wa rona?

5 Gape batho ba a fetoga. Moaposetoloi Paulo o kile a bo e le “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” (1 Tim. 1:13) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi ba ba direlang Jehofa gompieno ka nako nngwe ba ne ba sa kgatlhegele boammaaruri. Bangwe ba ka tswa ba kile ba ganetsa dikgang tse di molemo ka nako nngwe. Jaaka maemo a lefatshe a fetoga, baganetsi bangwe kgotsa batho ba ba neng ba sa kgatlhege ba ka nna ba tlhotlheletsega go reetsa molaetsa wa rona. Ba bangwe ba ka nna ba reetsa fa ba sena go diragalelwa ke masetlapelo mangwe, jaaka go swelwa ke mongwe mo lelapeng, go latlhegelwa ke tiro, mathata a madi, kgotsa bolwetse.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tswelela re rera ka tlhagafalo?

6 Tsamaiso eno ya dilo e tloga e fela, mme tiro ya rona ya go rera le go ruta e a akofa. (Isa. 60:22) Ka jalo, re tswelela re rera ka tlhagafalo mme re leka go nna le boikutlo jo bo siameng. Motho yo mongwe yo re tla buang le ene a ka nna a reetsa. Re tshwanetse go tswelela re bua! ‘Ka go dira seno re tla ipoloka re bo re boloka ba ba re reetsang.’—1 Tim. 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela