LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/02 ts. 8
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna re Rera?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna re Rera?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “O ba Reye Lefoko Leno”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Lebaka La go Bo re Boela Gangwe le Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 2/02 ts. 8

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna re Rera?

1 A tiro ya go rera ka Bogosi e setse e dirilwe ka lobaka lo loleele mo lefelong la lona? (Math. 24:14) Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa tswa o akanya gore tshimo ya phuthego ya lona e setse e berekilwe ka botlalo. Gongwe gone jaanong fa lo rera, go lebega batho ba le bantsi ba lo kopanang le bone ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se se kwadilweng ka barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu mo go tsebe 141 ya buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia II: “Mo mafelong mangwe, matswela a bodiredi jwa bone a ka lebega e se a sepe fa a bapisiwa le tiro e ntsi le maatla a ba a dirisang. Le fa go ntse jalo, ba a itshoka.” Mme ke eng fa re tshwanetse go nna re rera?

2 Gakologelwa Jeremia: Go itshoka ga rona ka boikanyegi mo tirong ya go rera ga go a tshwanela go ikaega ka gore batho ba a re reetsa kana nnyaa. Jeremia o ne a rera ka dingwaga di le 40 mo tshimong e le nngwe le fa go ne go na le batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba mo reetsa mme bontsi bo ganetsa molaetsa wa gagwe. Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ne a itshoka? Ka gonne o ne a dira tiro e Modimo a neng a mo laetse gore a e dire mme lebaka la go bo a ne a itse se se tlileng go direga mo isagweng le ne le mo tlhotlheletsa gore a nne a bue ka bopelokgale.—Jer. 1:17; 20:9.

3 Seemo sa rona le sone se ntse fela jalo. Jesu “o ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo gore yono ke Ene yo Modimo a neng a mo naya taelo ya go nna moatlhodi wa batshedi le baswi.” (Dit. 10:42) Molaetsa o re o tshwereng ke kgang ya botshelo le loso mo bathong ba ba o reetsang. Batho ba tla atlholwa go ya ka tsela e ba amogelang dikgang tse di molemo ka yone. Ka ntlha ya moo, boikarabelo jwa rona ke go dira fela jaaka re laetswe. Le fa batho ba gana go reetsa, seno se re naya sebaka sa go bontsha gore re ba rata go le kana kang le go bontsha boineelo jwa rona mo go Jehofa ka go nna re dira tiro e re tshwanetseng go e dira. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a mangwe gape.

4 Re Solegelwa Molemo: Go dira thato ya Modimo, le fa batho ba ka arabela jang mo tshimong, go re naya kagiso ya mogopolo, kgotsofalo le boitumelo, tse re ka se kang ra di bona ka tsela epe fela e nngwe. (Pes. 40:8) Botshelo jwa rona bo nna le bokao le boikaelelo. Fa re nna le seabe ka mo go oketsegileng mo bodireding, re tla tlhoma dipelo le megopolo ya rona thata mo tsholofelong le mo boipelong jwa go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo. Go akanya ka metlha ka ditsholofetso tseno tsa Dikwalo go godisa bomoya jwa rona le go nonotsha botsalano jwa rona le Jehofa.

5 Le fa re sa bone matswela ka bonako mo tirong ya rona ya go rera, re ka nna ra tswa re jetse peo ya boammaaruri mo pelong ya motho e e tla golang ka nako e e tshwanetseng ya ga Jehofa. (Joh. 6:44; 1 Bakor. 3:6) Ga go ope wa rona yo o itseng gore ke batho ba le kae ba ba sa ntseng ba tla ithuta ka Bogosi ka ntlha ya maiteko a batho ba ga Jehofa, e ka ne e le mo tshimong ya rona kana mo lefatsheng lotlhe.

6 Re tshwanetse go tsaya taelo eno ya ga Jesu tsia go feta le fa e le leng pele: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.” (Mar. 13:33, 37) Ka jalo, e kete rotlhe re ka tswelela pele re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re ipedise pelo ya ga Jehofa fa re ntse re nna le seabe mo go itshepiseng leina la gagwe le legolo le le le boitshepo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela