Ke ka Ntlha Yang fa re Ntse re Boa re sa Kgaotse?
1 A o kile wa ipotsa potso eo, gongwe fa o ntse o baakanyetsa go ya tirelong? Mo dikarolong dingwe moo tshimo ya rona e berekwang gangwe le gape beng ba matlo ba kgona go bona gore re bomang mme ka bonako fela ba bo ba re leleka. Ke ba se kae fela ba ba ka nnang ba arabela ka tsela e e molemo. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a mantsi a a nonofileng a go bo re ntse re boa re sa kgaotse.
2 Sa ntlha, re laetswe gore re tswelele re rera molaetsa wa Bogosi go fitlhelela bokhutlo bo tla. (Math. 24:14; 28:19, 20) Moporofeti Isaia o ne a ipotsa gore o ne a tlile go tswelela ka tiro ya gagwe ya go rera ka lobaka lo lo kana kang. Karabo e a neng a e newa e kwadilwe mo go Isaia 6:11. Go phepafetse—o ne a bolelelwa gore a nne a boele kwa bathong bano ka molaetsa wa Modimo. Le rona gompieno, le fa ba ka re leleka, Jehofa o lebeletse gore re nne re boele kwa bathong ba ba nnang mo tshimong ya rona. (Esek. 3:10, 11) Jono ke boikarabelo jo bo boitshepo jo re bo neilweng.—1 Bakor. 9:17.
3 Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go nna re boela kwa bathong bano ke gore seno se re naya sebaka sa gore re bontshe gore re ineetse mo go Jehofa go le kana kang. (1 Joh. 5:3) Mo godimo ga moo, fa re tla go akanya ka se isagwe e se tsholetseng batho, re ka ithiba jang mo go lekeng go tlhagisa baagelani ba rona ka tsela e e lorato? (2 Tim. 4:2; Jak. 2:8) Fa re ikanyega mo go diragatseng kabelo ya rona seno se ba naya ditshono tse dingwe tsa gore ba utlwe molaetsa wa Modimo wa poloko, gore ba se ka ba re ga ba a ka ba tlhagisiwa.—Esek. 5:13.
4 Mo godimo ga moo, ga nke re itse gore batho bangwe ba fetoga leng mo pelong. Go ka nna ga bo go bakwa ke go fetoga ga maemo a ba leng mo go one, bomadimabe bongwe mo lelapeng la bone, kana maemo a lefatshe a a ba dirang gore ba akanye ka isagwe ya bone ka tsela e e masisi. Mme gape, selo se re se buang fa re tlile mo go bone se ka nna sa dira gore a arabele ka tsela e e molemo. (Mor. 9:11; 1 Bakor. 7:31) Gape, batho ba a fuduga. Re ka nna ra bona batho ba basha ba ba agileng mo tshimong ya rona ba ba ka nnang ba reetsa dikgang tse di molemo—gongwe e le batsadi ba ba sa leng basha ba jaanong ba itshelelang ba le bosi mme ba akanya ka tsela e e masisi ka boikaelelo jwa bone mo botshelong.
5 A re tla nna re boela kwa bathong bano? Ee! Dikwalo di re naya selo se se re tlhotlheletsang gore re boele kwa bathong bano nako le nako. Kwa bokhutlong, fa tiro ya go rera e weditswe, Jehofa o tla re segofaletsa gore re bo re tsweletse re dira boiteko mo bodireding, e bile o tla segofatsa ba ba utlwang dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tsela e e bontshang go anaanela.—1 Tim. 4:16.