LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/00 ts. 1
  • Tswelelang Pele lo Rera!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tswelelang Pele lo Rera!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna re Rera?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Ntse re Boa re sa Kgaotse?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 11/00 ts. 1

Tswelelang Pele lo Rera!

1 Ke thato ya Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ka ntlha ya seno, o re neile kabelo ya go rera dikgang tse di molemo. (Math. 24:14) Fa re lemoga lebaka la go bo re tshwanetse go tswelela pele re rera, re ka se kgorelediwe ke go kgobega marapo kana dilo tse di ka nnang tsa re itaya tsebe.

2 Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tswelela Pele? Go na le dilo di le dintsi mo lefatsheng tse di itayang tsebe tse di dirang gore batho ba lebale kana ba se tseye tsia se re ba bolelelang sone. Ka jalo re tshwanetse go nna re ba gakolola ka molaetsa wa Modimo wa poloko. (Math. 24:38, 39) Mo godimo ga moo, maemo a batho a nna a fetoga ka dinako tsotlhe. Tota le maemo a lefatshe a ka fetoga thata nako nngwe le nngwe. (1 Bakor. 7:31) Ka moso, beke e e tlang, kana kgwedi e e tlang, batho ba re ba rerelang ba ka nna ba lebana le mathata kana matshwenyego a masha a a ka dirang gore ba akanyetse dikgang tse di molemo tse re ba leretseng tsone. A ga o leboge gore Mosupi yo o neng a go tlisetsa boammaaruri o ne a se ka a tlogela go tla kwa go wena?

3 Go Etsa Kutlwelobotlhoko ya Modimo: Jehofa ka bopelotelele o ne a letlelela gore go fete nakonyana pele a ka diragatsa katlholo mo baikeping. O dirisa rona go tswelela pele re laletsa batho ba ba dipelo di siameng gore ba tle kwa go ene mme ba bolokwe. (2 Pet. 3:9) Re ne re tla nna le molato wa madi fa re ne re sa nne re bolelela batho molaetsa wa kutlwelobotlhoko wa Modimo le go ba tlhagisa ka go diragadiwa ga katlholo ya Modimo go go tla tlelang batho botlhe ba ba sa tlogeleng ditsela tsa bone tse di bosula. (Esek. 33:1-11) Le mororo batho ba sa re amogele ka dinako tsotlhe fa re ba rerela, ga re a tshwanela go ngodiega mo go direng boiteko jotlhe jwa go thusa batho ba ba peloephepa gore ba anaanele kutlwelobotlhoko e kgolo ya Modimo.—Dit. 20:26, 27; Bar. 12:11.

4 Go Bontsha Lorato Lwa Rona: Ke Jehofa Modimo, ka Jesu Keresete, yo o neng a laela gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng lotlhe. (Math. 28:19, 20) Tota le fa batho ba gana go reetsa, re na le sebaka sa go ba bontsha gore re rata Modimo le go ineela mo go ene ka go tswelela pele re dira se se siameng.—1 Joh. 5:3.

5 E kete re ka ikemisetsa go tswelela pele re rera! A re direng jalo ka tlhoafalo fa e sa ntse e le “letsatsi la poloko” la ga Jehofa.—2 Bakor. 6:2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela