LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/08 ts. 1
  • Rera o sa Kgaotse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rera o sa Kgaotse
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go se Kgaotse go Bolela Mafoko a a Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • ‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ba Tla Utlwa Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 6/08 ts. 1

Rera o sa Kgaotse

1 Ka dinako dingwe re ka ikutlwa e kete tshimo ya rona e boaboeleditswe gantsi thata mme ga e na matswela. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a re pateletsang gore re tswelele re rera.—Math. 28:19, 20.

2 Gore e Nne Bosupi: Jesu o ne a bolelelapele gore go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi e ne e tla nna sesupo sa dikarolo tse dintsi se se botlhokwa sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” mme e bile go ne go tla dirwa “gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:3, 14) Fa batho ba re bona re nna le seabe mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ba neelwa bosupi jo bo maatla. Fa re sena go tloga mo lefelong le le rileng, batho ba ka sala ba bua ka loeto lwa rona ka diura kgotsa ka malatsi a le mantsi, tota le fa ba sa reetsa molaetsa wa rona. Go tlhaloganya mabaka a go bo re rera go tla re thusa gore re itshoke. Re itumedisa Jehofa ka go nna le seabe mo go diragatseng boporofeti jwa Baebele ka go neela bosupi le go neela molaetsa wa tlhagiso.—2 Bathes. 1:6-9.

3 Go Tlhokega Boitshoko: E re ka batho ba na le dilo di le dintsi tse di itayang tsebe le tse di ka ba tseelang nako, go tlhokega gore re itshoke fa re leka go godisa kgatlhego ya bone. Mosadi mongwe o ne a ntse a etelwa beke le beke ngwaga otlhe pele a swetsa gore a laletse Basupi mo ntlong ya gagwe gore ba bue le ene ka Baebele. O ne a itumelela se a neng a se utlwa thata jaana mo a neng a amogela thuto ya Baebele, a simolola go nna teng kwa dipokanong, mme ka bonako fela a bontsha gore o batla go kolobediwa.

4 Maemo a lefatshe a fetoga ka bonako mme maikutlo a batho le one a a fetoga. Batho ba le bantsi ba ba neng ba sa batle go utlwa molaetsa wa rona mo nakong e e fetileng gone jaanong ba ka nna ba itumelela tsholofelo e re ba bolelelang yone. Fa motho a le mongwe fela a ka amogela molaetsa wa Bogosi, boitshoko jwa rona e tla bo e se matsapa a bophiri.

5 Lefatshe ka bophara, batho ba ba oketsegileng ba ntse ‘ba fegelwa le go sonela ka ntlha ya dilo tse di makgapha tse di dirwang.’ (Esek. 9:4) Matswela a go rera ga rona a bontsha gore batho ba ba ratang tshiamo ba amogela molaetsa wa Bogosi. (Isa. 2:2, 3) Ka jalo, a re tsweleleng re rera re sa kgaotse ka lorato re itshokela “[go tlisa] dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.”—Isa. 52:7; Dit. 5:42.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela