MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LUKE 19-20
Ithute mo Setshwantshong sa Bomaena ba le Lesome
Batho le dilo tse di mo setshwantshong seno di emela eng?
Monna wa motlotlegi ke Jesu
Batlhanka ba emela barutwa ba ga Jesu ba ba tloditsweng
Madi a monna wa motlotlegi a neng a a naya batlhanka ba gagwe, a emela tiro ya go dira batho barutwa
Setshwantsho seno se re bontsha se se ka diragalang fa batlodiwa ba ga Keresete ba ka tshwana le motlhanka yo o sa dirang kgwebo ka madi a a neng a a neilwe. Jesu o lebeletse gore ba dirise nako, maatla le dilo tse ba nang le tsone go dira batho barutwa.
Nka etsa batlodiwa ba ga Keresete jang mo tirong ya go dira barutwa?