LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 100
  • Setshwantsho sa Diponto

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setshwantsho sa Diponto
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setshwantsho sa Diponto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Setshwantsho sa Madi a Selefera a le Lesome
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ithute mo Setshwantshong sa Bomaena ba le Lesome
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Setshwantsho sa Ditalenta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 100

Kgaolo 100

Setshwantsho sa Diponto

GO LEBEGA ekete Jesu o santse a le kwa ntlong ya ga Sakaio, koo a fapogetseng gone fa a le mo tseleng a ya kwa Jerusalema. Barutwa ba gagwe ba dumela gore fa a fitlha kwa Jerusalema, o tla ipolela gore ke Mesia mme a tlhome Bogosi jwa gagwe. Go baakanya kgopolo eno le go ba bontsha gore Bogosi bo santse bo le kgakala, Jesu o ba naya setshwantsho.

“Mogolwane moñwe,” o a anela, “o kile a ètèla kwa lehatshiñ ye le kgakala, a ea go ikamogèlèla bogosi, le go ba a boea.” Jesu ke “mogolwane,” yoo mme legodimo ke ‘lefatshe je le kgakala.’ Fa Jesu a fitlha koo, Rraagwe o tla mo naya maatla a go nna kgosi.

Lefa go ntse jalo, pele ga a tsamaya, monna yono wa segosi o bitsa batlhanka ba gagwe ba le lesome mme o naya mongwe le mongwe wa bone ponto ya selefera, a ba raya a re: “Bapalañ ka tse, go tsamaee ke be ke tle ke tle.” Batlhanka ba ba lesome mo tiragatsong ya ntlha ya seno ba emela barutwa ba ga Jesu ba pele. Mme mo tiragatsong e kgolwane, ba tshwantshetsa botlhe ba ba lebeletseng go rua boswa le ene mo Bogosing jwa selegodimo.

Diponto tsa selefera ke dipapetlana tsa botlhokwa tsa madi, tseo e le nngwe ya tsone e lekanang le tuelo ya dikgwedi tse tharo ya modiri wa masimo. Mme diponto tseno di emela eng? Mme ke kgwebo ya mofuta ofe eo batlhanka ba tshwanetseng go e dira ka tsone?

Diponto di emela matlotlo ao barutwa bao ba tsetsweng ka moya ba ka a dirisang go tlhagisa baruaboswa ba ba oketsegileng ba Bogosi jwa selegodimo go fitlhelela Jesu a tla jaaka Kgosi mo Bogosing jo bo solofeditsweng. Morago ga a sena go tsosiwa le go bonala mo barutweng ba gagwe, o ne a ba fa diponto tsa tshwantshetso gore ba dire barutwa ba ba oketsegileng mme ka go dira jalo ba oketse setlhopha sa ba Bogosi jwa legodimo.

“Me,” Jesu o a tswelela, “ba motse oa ga gabō ba bo ba . . . tlhoile [mogolwane], me ba roma batho ba ea go mo latèla, ba re, Ga re rate monna eo a re busa.” Baagi ba motse wa ga gabo ke Baiseraele, kana Bajuda, go sa akarediwe barutwa ba gagwe. Morago ga fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, Bajuda bano ka go bogisa barutwa ba gagwe ba ne ba kaya gore ba ne ba sa batle gore e nne kgosi ya bone. Ka tsela eno ba ne ba dira jaaka baagi ba motse ba ba neng ba rometse setlhopha sa baemedi.

Batlhanka ba ba lesome ba dirisa diponto tsa bone jang? Jesu o a tlhalosa: “Me ga dihala, e rile a sena go boea, bogosi yōna a bo amogetse, a laola gore batlhanka bauō ba bilediwè kwa go èna, eboñ ba o ba neetseñ madi, gore a tlè a itse kaha ba bapetseñ ka gōna. Me oa ntlha a tla ha pele ga gagwè, a re, Morèna, pondo ea gago e bapetse dipondo di le shomè kwa ntlè. Me a mo raea, a re, U dihile sentlè, motlhanka eo o molemō; ereka u nu u ikanyèga mo go se sennye, amogèla thata ea go laola metse e le shomè. Me oa bobedi a tla, a re, Morèna, pondo ea gago e bapetse dipondo di le tlhano kwa ntlè. Me le èna a mo raea, a re, Le wèna, u laolè metse e le metlhano.”

Motlhanka yo o tshotseng diponto di le lesome o tshwantshetsa mophato, kana setlhopha, sa barutwa go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go fitlha jaanong go akaretsa le baaposetoloi. Motlhanka yo o bapetseng diponto tse dingwe di le tlhano le ene o emela setlhopha se se neng se le gone ka yone nako eo, seo go ya ka ditshono le dikgono tsa bone, ba oketsang matlotlo a kgosi ya bone mo lefatsheng. Ditlhopha tseno tse pedi di rera mafoko a a molemo ka tlhagafalo, mme go felela ka gore batho ba bantsi ba ba dipelo di siameng ba fetoge Bakeresete. Batlhanka ba ba robong ba ne ba dira sentle mme ba oketsa seo ba se neetsweng.

“Me,” Jesu o a tswelela, “eo moñwe a tla, a re, Morèna, bōna, pondo ea gago ke e; ke e bolokile ka go e bohèlèla ka letsela. Gonne, ke gu boihile, ka u le monna eo o senañ mahoko: u tsaea se u sa se baeañ; u rōbe se u sa se yalañ. Me a mo raea, a re, Ke tla gu sekisa ka molomo oa gago, motlhanka eo o boshula ke wèna. U itsile ha ke le monna eo ke senañ mahoko, ke tsaea se ke sa se baeañ, ke rōbe se ke sa se yalañ; Ke gōna, u nu u sa tsenyetseñ madi a me mo polokeloñ ea baatisi ba aōna? me e ne e tla re ke tla, ke be ke a batle le kokeleco ea aōna? Me a raea ba ba emeñ gōna, a re, Mo tseeleñ pondo euō, lo e neè eo o nañ le leshomè ya dipondo.”

Go latlhegelwa ke ponto ya tshwantshetso ga motlhanka yo o boikepo yono go raya go latlhegelwa ke go nna gone mo Bogosing jwa selegodimo. Ee, o latlhegelwa ke tshiamelo ya go busa, jaaka go ne go ka tualo, metse e le lesome kana metse e le metlhano. Tlhokomela gape, gore motlhanka yo ga a bolelwe a le boikepo ka baka la bosula bongwe jo a bo dirang mme, go na le moo, o bolelwa a le bosula ka a paletswe ke go dira gore a oketse khumo ya bogosi jwa mong wa gagwe.

Fa motlhanka wa ntlha a fiwa ponto ya motlhanka yo o boikepo yono, go ganediwa jaana: “Morèna, o na le dipondo di le shomè.” Lefa go le jalo, Jesu o araba jaana: “Moñwe le moñwe eo o nañ le señwe, o tla nèwa; me èna eo o senañ sepè, go tla tseèwa mo go èna le se o nañ nashō. Leha go nntse yalo baba bauō ba me, ba ba ganneñ, ba re, Ke se ka ka ba busa, ba lereñ kwano, lo ba bolaèlè ha pele ga me.” Luke 19:11-27; Mathaio 28:19, 20.

▪ Ke eng seo se dirang gore Jesu a dire setshwantsho sa diponto?

▪ Monna wa segosi ke mang, mme lefatshe le a yang kwa go lone ke lefe?

▪ Batlhanka ke bomang, mme diponto di emela eng?

▪ Baagi ba motse ke bomang, mme ba bontsha letlhoo la bone jang?

▪ Ke ka ntlhayang fa motlhanka mongwe a bidiwa yo o boikepo, mme go latlhegelwa ga gagwe ke ponto go raya eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela