LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 October ts. 8
  • Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Go Dira Gore ba Nne Seoposengwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Go Dira Gore ba Nne Seoposengwe
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditiro Tse Dintsintsi Tsa Bommè
    Tsogang!—2002
  • Go Gakologelwa Mmopi wa Rona go Tloga Bosheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • O Ile a Smaela le Bone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Lwelang Gore go Nne Go na Le Kutlwano mo Phuthegong
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 October ts. 8

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Go Dira Gore ba Nne Seoposengwe

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ile a rapelela gore barutwa ba gagwe ba nne “seoposengwe.” (Joh 17:23) Re ka kgona go nna seoposengwe fa fela re ratana, ka gonne lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”—1Bak 13:5.

SE O KA SE DIRANG:

  • Etsa Jehofa ka go senka dilo tse di molemo mo go ba bangwe

  • Itshwarele ba bangwe o gololesegile

  • Fa lo sena go rarabolola bothata bongwe, o se ka wa tsosa di letseng.—Dia 17:9

LEBANG BIDIO YA ‘RATANANG’—LO SE KA LWA NNELA GO GOPOLA KUTLWISOBOTLHOKO, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Mo karolong ya ntlha ya bidio, Neo o ile a bontsha jang gore o ne a ‘gopotse kutlwisobotlhoko’?

  • Mo karolong ya bobedi ya bidio, Neo o ile a fenya boemo joo jang?

  • Neo o ile a dira jang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?

Atsile, Neo le Same

Fa re boloka sekgopi, ke mang yo o utlwang botlhoko thata?

SEKAO SA BAEBELE SE O KA AKANYANG KA SONE: Le fa Johane Mareko a ne a kile a utlwisa Moaposetoloi Paulo botlhoko mo nako e e fetileng, Paulo o ile a bua ka botho jwa gagwe jo bo bontle.—Dit 13:13; 15:37, 38; 2Ti 4:11.

IPOTSE JAANA, ‘Nka bontsha jang gore ga ke a ngalela mongwe yo o kileng a nkutlwisa botlhoko?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela