LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w21 February ts. 25
  • O Ile a Smaela le Bone!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ile a Smaela le Bone!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gakologelwa Mmopi wa Rona go Tloga Bosheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ditiro Tse Dintsintsi Tsa Bommè
    Tsogang!—2002
  • Melemo ya go Rera Lefatshe ka Bophara re Dirisa Dikolotsana Tsa go Rera
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Bakeresete ba Boammaaruri ba a Ratana—Go Dira Gore ba Nne Seoposengwe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
w21 February ts. 25

O Ile a Smaela le Bone!

Helen a smaela a eme gaufi le kolotsana ya dikgatiso. Basetsana ba babedi ba feta gaufi le ene.

BASHA ba babedi ba ne ba tsamaya mmogo kwa Toropong ya Baguio kwa Philippines. Ba ile ba bona kolotsana ya dikgatiso mme ba ne ba feta fela. Kgaitsadi Helen yo o neng a eme fa thoko ga kolotsana, o ne a smaela le bone. Basetsana bao ba ile ba tswelela ba tsamaya mme ba ne ba sa lebale smaele sa ga kgaitsadi Helen.

Moragonyana, basetsana bao ba ne ba palama bese ba ya gae. Fa ba ntse ba le mo tseleng, ba ne ba bona letshwao le legolo la jw.org kwa Holong ya Bogosi. Ba ne ba gopola gore ba bone letshwao leo kwa kolotsaneng e ba neng ba e feta kwa toropong. Ka yone nako eo, ba ne ba fologa ba bo ba ya kwa Holong ya Bogosi, mme ba bona boto e e kwadilweng gore dipokano di tshwarwa nako mang.

Basetsana ba le ba babedi ba smaela fa ba bona Helen kwa Holong ya Bogosi.

Ba ne ba nna gone mo dipokanong tse di latelang. Fa ba tsena ka Holo ya Bogosi, ba ne ba bona Helen. Ba ne ba gakgametse tota! E rile ba mmona, ke fa ba gopola gore ke ene motho yole yo a neng a smaela le bone kwa toropong. Helen a re: “Ke ne ke tshogile ka gonne ke sa itse gore goreng ba tla kwa go nna.” Basetsana bao ba ne ba mo tlhalosetsa gore ba mmone a eme fa thoko ga kolotsana ya dikgatiso.

Basetsana bano ba ne ba itumelela dipokano le go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa ba ne ba bona bakaulengwe bangwe ba phepafatsa holo morago ga dipokano, ba ne ba kopa go thusa. Mongwe wa basetsana bao, o ile a fuduga mme yo mongwe o sa ntse a nna kwa Philippines, e bile o itumelela go nna gone kwa dipokanong. Mme gone jaanong, o ithuta Babele. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa direga ka gonne kgaitsadi o ile a smaela le bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela