MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 23-24
Paulo o Bidiwa Motho yo o Letshwenyo Le yo O Tlhotlheletsang Batho go Tsuologela Puso
Bajuda ba kwa Jerusalema ba ne ba ikemiseditse go bolaya Paulo. (Dit 23:12) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla gore Paulo a ye go rera kwa Roma. (Dit 23:11) Setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwalela ka leano la Bajuda a bo a ya go bolelela Paulo mme a thusa gore Paulo a se ka a bolawa. (Dit 23:16) Pego eno e go ruta eng . . .
ka se se diregang fa batho ba leka go nna kgatlhanong le se Modimo a se batlang?
ka dilo dingwe kgotsa batho ba Modimo a ka ba dirisang go re thusa?
ka go nna pelokgale?