BOTSHELO JWA BOKERESETE
Itumelele go Ithuta o le Nosi
GORENG GO LE BOTLHOKWA: Go ithuta o le nosi go re thusa go tlhaloganya “bophara le boleele le bogodimo le boteng” jwa boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo. (Bae 3:18) Gape go re thusa gore re nne re se na selabe e bile re se na molato mo lefatsheng leno le le sa iketlang le gore re ‘ngangatlele lefoko la botshelo thata.’ (Baf 2:15, 16) Go ithuta Lefoko la Modimo go re thusa go lemoga se mongwe le mongwe wa rona a tlhokang go se dira. Ke eng se se ka re thusang gore re solegelwe molemo ke go bala le go ithuta Baebele?
SE O KA SE DIRANG:
Tshwaya ditemana o bo o kwala dintlha mo Baebeleng ya gago e o e dirisang fa o ithuta
Fa o ntse o bala Lefoko la Modimo, ipotse dipotso tseno: ‘Go buiwa ka mang? O dirile eng? Leng? Kae? Goreng? Jang?’
Dira dipatlisiso ka go dirisa dithulusu tse di gone. O ka nna wa batlisisa ka setlhogo sengwe kgotsa temana
Akanya ka se o se balang gore o kgone go itse gore o ka dirisa jang se o se ithutang
Dirisa se o se ithutang.—Luk 6:47, 48
LEBA BIDIO YA NGANGATLELA GO ITHUTA BAEBELE O LE ESI O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Batho bangwe ba tlhalosa maikutlo a bone jang ka go ithuta ba le bosi?
Goreng re tshwanetse go simolola ka thapelo nako le nako fa re ithuta?
Ke eng se se ka re thusang go tlhaloganya ditemana dingwe tsa Baebele botoka?
Re ka tshwaya Dibaebele tsa rona jang?
Goreng go le botlhokwa gore re akanye ka se re se ithutang mo Lefokong la Modimo?
Re tshwanetse go dira eng ka se re se ithutang?
“A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pes 119:97