BOTSHELO JWA BOKERESETE
O ka Ithuta Eng mo go Bone?
A ke gone o nnang motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane? O ka tswa o na le bokgoni bongwe jo bakaulengwe ba bangwe ba e leng batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane ba se nang jone. Mme gone, o ka ithuta go le gontsi mo go bone kgotsa mo bakaulengweng ba e sa tlholeng e le batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane ka ntlha ya bogodi, botsogo kgotsa maikarabelo mangwe a lelapa.
LEBANG BIDIO YA TLOTLA BANNA BA BA NANG LE MAITEMOGELO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
1. Mokaulengwe Richards o ile a bontsha jang gore o tlotla Mokaulengwe Bello?
2. Ben o ile a dira phoso efe mme goreng a ile a dira jalo?
3. Ben o ile a ithuta eng mo go Elisha?
4. O ka bontsha jang gore o tlotla Bakeresete ba ba nang le maitemogelo mme o ithute mo go bone?