LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 August ts. 5
  • Basha Nnang lo ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha Nnang lo ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshegetsa Babulatsela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Baka Jehofa ka go Nna Mmulatsela
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Phetogo mo Diureng Tse di Tlhokwang mo Babulatseleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 August ts. 5

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Basha Nnang lo ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Tito, o ne a re Tito le makawana a mangwe ba tshwanetse go dira ka natla gore e nne “[dikao tsa] ditiro tse di molemo.” (Tit 2:6, 7) Gape o ile a re Jesu o tla ntlafatsa batho ba ga Jehofa gore ba “[tlhoafalele] ditiro tse di molemo.” (Tit 2:14) Nngwe ya ditiro tseo ke go rerela batho le go ba ruta ka Bogosi Jwa Modimo. Fa o le mosha, o ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang kgotsa wa ka metlha ka gonne o sa ntse o na le maatla. (Dia 20:29) O ka dira seo jang?

Fa o batla go nna mmulatsela, ithulaganye mme o bone gore o ka dira seo jang. (Luk 14:28-30) Ka sekai, le go bona gore o ka dira eng gore o itlamele fa o le mmulatsela, le gore o tla fitlhelela diura tsa bobulatsela jang, mme o kope Jehofa gore a go thuse. (Pes 37:5) Bolelela batsadi ba gago le babulatsela ba bangwe ka se o batlang go se dira. Go tswa foo, dira dilo tse di tla go thusang gore o nne mmulatsela. Jehofa o tla segofatsa matsapa a o a tsayang.

LEBA BIDIO YA BASHA BA BA DIRELANG JEHOFA, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Basha bangwe ba ba neng ba batla go nna babulatsela ba ile ba nna le dikgwetlho dife, mme ke eng se se ba thusitseng gore ba atlege?

  • Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore e nne babulatsela ba ka metlha?

  • Goreng go le botlhokwa go nna le thulaganyo ya go ya bodireding?

  • Bakeresete ba bangwe mo phuthegong ba ka kgothatsa le go thusa babulatsela jang?

  • Jehofa o segofatsa jang babulatsela?

Kgaitsadi yo mosha o bolelela rraagwe ka go nna mmulatsela; mokaulengwe yo mosha wa mmulatsela o kwala malatsi a a tla yang bodireng ka one; kgaitsadi yo mosha wa mmulatsela o bereka le kgaitsadi yo mongwe mo tshimong; kgaitsadi yo mosha wa mmulatsela o ruta mongwe Baebele

Nka dira eng gore ke nne mmulatsela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela