BOTSHELO JWA BOKERESETE
Baka Jehofa ka go Nna Mmulatsela
Baiseraele ba ne ba na le mabaka a mantsi a go baka Jehofa. O ile a ba ntsha kwa Egepeto a bo a ba golola mo masoleng a ga Faro. (Ek 15:1, 2) Jehofa o nna a direla batho ba gagwe dilo tse di molemo. Re ka bontsha jang gore re lebogela seno?—Pes 116:12.
Tsela e nngwe ke ka go nna mmulatsela yo o thusang kgotsa wa ka metlha. O ka rapelela go na le keletso le maatla a go direla o le mmulatsela. (Baf 2:13) Bangwe ba simolola ka go nna babulatsela ba ba thusang. Fa o direla jaaka mmulatsela yo o thusang, o ka tlhopha go dira diura di le 30 kgotsa 50 mo kgweding ya March le April le ka kgwedi ya fa molebedi wa potologo a etetse phuthego ya lona. Fa o sena utlwa monate wa go direla jaaka mmulatsela yo o thusang, o ka batla go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha. Tota le batho ba ba dirang tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng le ba ba nang le mathata a botsogo ba ile ba kgona go direla jaaka babulatsela ba ka metlha. (mwb16.07 8) Jehofa o tshwanelwa ke matsapa a re a tsayang a go mo baka.—1Dit 16:25.
LEBANG BIDIO YA BOKGAITSADI BA KWA MONGOLIA LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ke dikgwetlho dife tse bokgaitsadi bano ba ileng ba di fenya gore ba nne babulatsela?
Bokgaitsadi bano ba ile ba itumelela masego afe?
Ke ditshono dife tse ba ileng ba nna le tsone fa ba sena go nna babulatsela ba ka metlha?
Sekao sa bone se ile sa thusa ba bangwe jang?