MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 12-14
Kgolagano E e Re Tlisetsang Masego
Jehofa o ile a dira kgolagano le Aborahame mme e ile ya dira gore Jesu le ba ba tla busang le ene ba kgone go busa kwa legodimong
Kgolagano eno e ka tswa e simolotse go dira ka 1943 B.C.E. fa Aborahame a ne a kgabaganya Noka ya Euferatese a ya kwa Kanana
Kgolagano eno e sa ntse e dira le gompieno go fitlha Bogosi Jwa ga Mesia bo fedisa batho botlhe ba ba bosula le go tlisetsa batho ba ba siameng masego mo lefatsheng
Jehofa o ne a segofatsa Aborahame ka gonne o ne a na le tumelo e e nonofileng. Fa re dira dilo tse di bontshang gore re dumela gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla direga, re tla bona masego afe?