MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 6-7
“Jaanong o Tla Bona se ke Tla se Dirang Faro”
Pele Jehofa a tlisetsa Baegepeto dipetso tse di lesome a bo a golola Baiseraele mo bokgobeng, o ile a bolelela Baiseraele se a neng a ikaeletse go se dira. Baiseraele ba ne ba tla bona maatla a ga Jehofa a ba iseng ba tsamaye ba a bone gope, mme Baegepeto bone ba ne ba tla lemoga gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. Fa dilo tse Jehofa a neng a di solofeditse Baiseraele di direga, tumelo ya bone e ne ya nonofa. Seno se ile sa dira gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke bodumedi jwa maaka jwa Baegepeto.
Pego eno ya Baebele e go thusa jang go dumela gore Jehofa o tla diragatsa dilo tsotlhe tse a di solofeditseng?