BOTSHELO JWA BOKERESETE
Jehofa o Sireletsa Batho ba Gagwe
Tlolaganyo ya ntlha e ne e le tiragalo ya botlhokwa. Mo bosigong joo, fa Faro a sena go lemoga gore ngwana wa gagwe wa leitibolo o ne a sule, o ne a raya Moshe a re: “Nanogang, tswang mo gare ga batho ba me, lona le bomorwa Iseraele ba bangwe, mme lo tsamaye lo ye go direla Jehofa, fela jaaka lo boletse.” (Ek 12:31) Jehofa o ile a bontsha gore o sireletsa batho ba gagwe.
Fa re leba hisitori ya batho ba ga Jehofa gompieno, go a bonala gore Jehofa o sa ntse a ba kaela le gore o a ba sireletsa. Seno se tlhalositswe mo musiamong o o kwa ntlokgolo o o bidiwang “Batho ba ba Bidiwang ka Leina la ga Jehofa.”
LEBANG BIDIO YA GO ETELA DIMUSIAMO TSA KWA WARWICK: “BATHO BA BA BIDIWANG KA LEINA LA GA JEHOFA” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Go simologa ka 1914, Baithuti ba Baebele ba ne ba dirisa sedirisiwa sefe go thusa batho gore ba dumele se Baebele e se buang, mme se ile sa atlega jang?
Ke mathata afe a baithuti ba Baebele ba ileng ba nna le one ka 1916 go ya go 1918, mme ke eng se se neng se bontsha gore Jehofa o ne a kaela phuthego ya gagwe?
Batho ba ga Jehofa ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go ene jang le fa batho ba bangwe ba ne ba ba bogisa?
Ke eng se batho ba ga Jehofa ba ileng ba simolola go se tlhaloganya sentle ka 1935, mme seo se ile sa dira gore ba ikutlwe jang?
Morago ga go leba bidio eno, ke eng se o se boneng se se dirang gore o dumele gore Jehofa ke ene a kaelang batho ba gagwe le go ba sireletsa?