BOTSHELO JWA BOKERESETE
Elang Tlhoko Dikgang Tse di Seng Boammaaruri
Gompieno tshedimosetso e ka fitlhelela dimilione tsa batho ka bonako ka radio, ka thelebishene le ka Internet. Batho ba ba ikobelang “Modimo wa boammaaruri,” ga ba batle go phasalatsa tshedimosetso e e seng boammaaruri le fa ba ne ba sa ikaelela. (Pes 31:5; Ek 23:1) Go phasalatsa tshedimosetso e e seng boammaaruri go ka utlwi- sa batho ba bangwe botlhoko. Fa o batla go tlhomamisa gore a sengwe se boammaaruri, ipotse jaana:
‘A ke ikanya motho yo o buileng kgang eo?’ Motho yo a ka tswang a go boleletse kgang eo a ka tswa a se na dintlha tsotlhe. Fa motho a bolelela batho ba bangwe kgang nngwe, go le gantsi kgang eo e a fetoga. Ka jalo nna kelotlhoko, segolobogolo fa o sa itse gore kgang eo e tswa kae. Ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba bua tshedimosetso e ba se nang bosupi ka yone e re ka ba bangwe mo phuthegong ba ba tsaya jaaka metswedi ya tshedimosetso e e boammaaruri
‘A kgang eno e senya ba bangwe maina?’ Fa e le gore kgang eo e ka dira gore batho bangwe ba akanye dilo tse di sa siamang ka batho ba bangwe kgotsa setlhopha sengwe, go tla bo go se botlhale go phasalatsa kgang eo.—Dia 18:8; Baf 4:8
‘A nka dumela kgang eo?’ Nna kelotlhoko fa o utlwa maitemogelo kgotsa dikgang tse di kgatlhang
LEBANG BIDIO YA NKA DIRA JANG GORE KE TLOGELE GO SEBA? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Go ya ka Diane 12:18, mafoko a ka re utlwisa botlhoko jang?
Lokwalo lwa Bafilipi 2:4 lo re thusa jang gore re nne kelotlhoko fa re bua ka batho ba bangwe?
Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re utlwa batho ba bua dilo tse di sa siamang ka batho ba bangwe?
Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone pele re bua ka batho ba bangwe?