LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 1/8 ts. 13-14
  • Mokoakoa wa Tshedimosetso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokoakoa wa Tshedimosetso
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshedimosetso ke Eng?
  • Ke Eng se se Bakang go Tlhobaela ka Tshedimosetso?
    Tsogang!—1998
  • Kafa o ka Lepalepanang le Motlha wa Tshedimosetso ka Teng
    Tsogang!—1998
  • Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dithulaganyo Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Dirisa Internet ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 1/8 ts. 13-14

Mokoakoa wa Tshedimosetso

LEKGOLO la bo20 la dingwaga le ile la nna le mokoakoa wa tshedimosetso o o seng kana ka sepe. Lefatshe le phephetha ka tshedimosetso, e ka tswa e le ka dibuka, radio kgotsa thelebishene, Internet kgotsa mekgwa e mengwe. David Shenk mo bukeng ya gagwe e bong Data Smog—Surviving the Information Glut o kwadile jaana: “Mokoakoa wa tshedimosetso o simolotse go nna selo sa mmatota se se tshosang. . . . Jaanong re lebane le matshosetsi a go nna le tshedimosetso e ntsi mo go feteletseng.”

Tsaya sekai se le sengwe fela sa lekwalodikgang le le itsegeng. Go bolelwa gore kgatiso e e tlwaelegileng ya letsatsi le letsatsi ya The New York Times e na le tshedimosetso e ntsi go feta e motho fela wa kwa Engelane wa lekgolo la bo17 la dingwaga a neng a tla kopana le yone mo nakong yotlhe ya botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga makwalodikgang a letsatsi le letsatsi, go na le dimakasine le dibuka tse di tlhalosang sengwe le sengwe tse di nang le ditlhogo tse dintsintsi tse di oketsang mokoa wa tshedimosetso o o setseng o le teng. Go gatisiwa dibuka di le dikete di le masomesome ngwaga le ngwaga. Gape e re ka tshedimosetso ya saense e oketsega gabedi mo dingwageng dingwe le dingwe di le thataro, ga go gakgamatse go bo makwalopaka a tsa botegeniki mo lefatsheng lotlhe a na le palo e e fetang 100 000. Mme Internet le yone e dira gore batho ba ba dirisang dikhomputara ba nne le mokoakoa wa tshedimosetso.

Go tweng ka dimakasine? Makwalopaka a kgwebo, dimakasine tsa basadi, dimakasine tsa basha, dimakasine tsa metshameko le tsa boitlosobodutu—eleruri, dimakasine mo e ka nnang tsa setlhogo sengwe le sengwe le tsa dilo tse batho ba di kgatlhegelang—di tletse mo lefatsheng, tsotlhe di batla gore re di tseye tsia. Go tweng ka seabe sa monna yo o phasalatsang—“sebueledi sa lefela,” jaaka a tlhola a tlhalosiwa? Mokwadi e bong Richard S. Wurman mo bukeng ya gagwe ya Information Anxiety, o akgetse jaana: “Ditheo tsa phasalatso di tlhasela methapo ya rona ya kutlo ka mokoa wa diphasalatso tse di batlang gore re di lebe, re di reetse, re di dupe le go di tshwara.” Di gatelela gore o tlhoka dilo tsa bosheng, dilo tse di tlhabolotsweng e le gore o “lekane le Borrasemangmang.”

Moithutatlhaloganyo le mmatlisisi wa tsa loago wa kwa Australia e bong Dr. Hugh MacKay o boletse gore ‘lefatshe le farafarilwe ke tshedimosetso e bile batho ba laleditswe go dirisa tshedimosetso e e bonwang motlhofo e e leng teng mo metsweding e megolo ya tshedimosetso.’ Go ya ka Dr. MacKay, bothata ke gore bogolo jwa dithulaganyo tsa dikgang le ditiragalo tsa bosheng tsa radio le thelebishene, mmogo le bogolo jwa tshedimosetso e e theilweng mo mafaratlhatlheng a dikhomputara, bo dirile gore bontsi jwa batho mo lefatsheng ba kgatlhegele tshedimosetso ya metswedi ya dikgang e gantsi e leng bontlhanngwe fela jwa kgang le jwa se tota se diragetseng, e seng kgang ka botlalo.

Tshedimosetso ke Eng?

Modi wa lefoko la Selatine e bong informare (tshedimosetso) le na le mogopolo wa go dira selo, fela jaaka mmopi a bopa mmopa. Ke gone ka moo ditlhaloso tse dingwe tsa “sedimosa” di kayang go “baakanya tlhaloganyo,” kana “go bopa kgotsa go ruta tlhaloganyo.” Bontsi jwa babadi ba tla gakologelwa sentle gore maloba fela jaana tshedimosetso e ne e le fela lenaane la dintlha kgotsa pego e e re bolelelang dintlha tse di jaaka gore ke mang, kae, eng, leng kgotsa jang. Go ne go se na puo e e kgethegileng kgotsa tlotlofoko ya tshedimosetso. Se re neng re tlhoka go se dira fela e ne e le go e kopa kgotsa go e ipatlela ka borona.

Mme jaanong re mo dingwageng tsa bo1990 mme lefatshe le tlhamile mafoko a mantsi thata jaana a a amanang le tshedimosetso mo e leng gore one ka boone fela a ka baka tlhakatlhakano. Le fa mangwe a mafoko ano kgotsa ditlhaloso a tlhaloganyega sentle, a a jaaka “infomania [go tlhagafalela tshedimosetso mo go feteletseng],” “technophilia [go rata tshedimosetso thata],” le “information age [motlha wa tshedimosetso],” a mangwe a ka baka mathata a magolo. Gompieno lefatshe le gapilwe maikutlo ke go tlhagafalela tshedimosetso mo go feteletseng—go dumela gore motho yo o nang le tshedimosetso e ntsi o botoka go gaisa ba bangwe ba ba se nang yone le gore tshedimosetso ga e tlhole e le selo fela se motho a ka se dirisang go fitlhelela maikaelelo a a rileng ka sone, go na le moo ke selo se motho a ikgobokanyetsang sone gore fela a nne le sone.

Go tlhagafala gono go tlhotlhelediwa ke dithulaganyo tse dintsintsi tsa mafaratlhatlha a tsa puisano, tse di jaaka metšhine ya fax, difouno tsa cellular le dikhomputara tse di potlana tse bangwe ba di tsayang e le sesupo sa motlha ono wa tshedimosetso. Ke boammaaruri gore go dira dilo motlhofo, go nna bonako le maatla a dikhomputara go dirile gore batho ba kgone go bona tshedimosetso ka bonako go gaisa pele—e ntsi mo e leng gore Nicholas Negroponte wa Massachusetts Institute of Technology a re: “Go dirisa khomputara ga e sa tlhole e le kgang ya dikhomputara fela. Ke tsela ya go tshela.” Ka ntlha ya moo, tshedimosetso le dilo tsa boranyane tse di e tlhagisang di setse di tseelwa kwa godimo thata, ka dinako tse dingwe e bile di a obamelwa, di nna le balatedi fela ba bantsi ba ba ineetseng gotlhelele mo go tsone mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Dikgang tsa thelebishene le dithulaganyo tsa dikgang tsa bosheng di setse di tsewa e le tse di ka se keng di nne phoso, fa kafa letlhakoreng le lengwe mokgobekgobe wa dilo tse e seng tsa botlhokwa di tlhagisiwa thata mo dithulaganyong tsa motlotlo tsa thelebishene mme di amogelwe fela jaaka di ntse ke bontsi jwa batho ba ba sa di tshwaeng phoso le ba ba tsiediwang motlhofo.

Ke ka ntlha ya go bo motlha wa tshedimosetso o fetotse tsela e re tshelang le e re berekang ka yone, go bo gompieno jaana batho ba tshwenngwa ke go “tlhobaela ka tshedimosetso” ga mefuta e e farologaneng. Sentlentle go tlhobaela ka tshedimosetso ke eng? O ka bona jang fa o tshwaeditswe? A go na le sengwe se o ka se dirang ka gone?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Globe on pages 13, 15 and 20: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela