LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 1/8 ts. 20-23
  • Kafa o ka Lepalepanang le Motlha wa Tshedimosetso ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Lepalepanang le Motlha wa Tshedimosetso ka Teng
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baamogedi le Baabi ba Tshedimosetso
  • Mokoakoa wa Tshedimosetso
    Tsogang!—1998
  • Ke Eng se se Bakang go Tlhobaela ka Tshedimosetso?
    Tsogang!—1998
  • Go Dirisa Internet—Ela Tlhoko Dikotsi Tsa Gone!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Dirisa Internet ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 1/8 ts. 20-23

Kafa o ka Lepalepanang le Motlha wa Tshedimosetso ka Teng

RE TSHWANETSE ra lebana le boammaaruri jwa gore go na le dilo di le dintsi tsa motlha ono wa tshedimosetso wa bo1990 tse di tla tswelelang pele di re tlhobaetsa. Dingwe tsa tsone re ka kgona go di laola go le gonnye fela kgotsa re ka se kgone go di re sepe gotlhelele. Mo letlhakoreng le lengwe, go na le dikgato tse re ka di tsayang go fokotsa tlhobaelo eno go sekae, fa e le gore ga re na re e fokotsa gotlhelele. Ka jalo, re ka re go fenya motlha ono wa tshedimosetso ke kgwetlho mme le fa go ntse jalo ke selo se se duelang.

Baamogedi le Baabi ba Tshedimosetso

E ka ne re itsaya jalo kana nnyaa, mo matshelong otlhe a rona rotlhe re baamogedi le baabi ba tshedimosetso ka tsela nngwe. Le fa go ntse jalo, boboko jwa rona bo amogela le go tlhotlha tshedimosetso ka ditsela tse di farologaneng. Tsela e nngwe e amana le kafa boboko jwa rona bo kgonang go rulaganya tshedimosetso ka teng re sa ikutlwe.

Tsela e nngwe ke fa bo rulaganya tshedimosetso re ntse re ikutlwa, jaaka nako ya fa re ikutlwa. Re na le seabe se segolo mo go laoleng mofuta ono wa go amogela tshedimosetso—re le baabi kana baamogedi ba yone. Fa go tliwa mo kgannyeng ya motlotlo o o sa reng sepe, Baebele e lemosa ka bangwe ba “e se[ng] fela gore ga ba dire sepe, mme gape e le basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe, ba bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” (1 Timotheo 5:13) Ka mafoko a mangwe, ela tlhoko gore o se ke wa fetsa nako e ntsi thata o bua ka dilo tse di sa reng sepe kgotsa le e leng tshedimosetso e e sa siamang. O se ka wa nna mofuta wa motho yo o kgatlhegelang ditshele. Go ka senya nako e e botlhokwa le maikatlapelo e bile seno se ka dira gore rona le ba bangwe re tlhobaele. O ka nna wa latlhegelwa ke ditshono tsa go bona le go abela batho ba bangwe tshedimosetso e e agang e e leng botlhokwa thata mo go direng gore motho a atlege mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego.

Tshedimosetso e re e kgobokanyang fa re bala e tlhotlhiwa ka nako ya fa re ikutlwa e bile ke gone ka moo go tsayang lobaka lo loleele. Go tlwaelegile gore motho yo o tlhobaelang thata a re, “Ga ke kgone go bala dilo tsotlhe tse ke batlang go di bala!” A o ikutlwa gore o na le dilo di le dintsi tse o tshwanetseng go di bala mme o na le nako e nnye fela ya go dira jalo? Ka ntlha ya go bo go bala go ja nako, gantsi botswerere le boipelo jwa gone di a latlhiwa mo motlheng ono wa tshedimosetso e e bonwang ka ponyo ya leitlho. Batho ba le bantsi ba letla thelebishene gore e laole nako ya bone. Le fa go ntse jalo, tshedimosetso e e kwadilweng e sa ntse e le yone tsela e e maatla e e dirang gore mogopolo o ikakanyetse dilo le e e fetisang tshedimosetso, dikgopolo le dikakantsho.

Ke ka kgona jang go lepalepana le dilo tse dintsi tse re tshwanelwang ke go di bala mme thelebishene, metshameko ya dikhomputara le ditiro tse dingwe tsa boitlosobodutu di batla go re tseela nako eo? Karabo ke, go tlhopha. Go tlhopha, go rulaganya kgotsa go tlhomaganya, se re tlhokang go se reetsa, go se bona, go se bua kgotsa go se bala go ya ka botlhokwa jwa sone go ka fokotsa go tlhobaela thata ka tshedimosetso. Go tlhopha ka tshwanelo go ka dirwa ka matlhakore a mabedi.

A re Tlhoka Dilo Tse Dintsi Jaana Tse e Seng Tsa Sepe?

Go lemoga ga rona dilo tse re di tlhokang gantsi go sokamisiwa ke se ba bangwe ba akanyang gore re a se tlhoka kgotsa ke se botswerere jwa dipapatso tsa metswedi ya tshedimosetso bo re dirang gore re dumele gore re a se tlhoka. Go fenya marara ano a a tlhakanyang tlhogo a tshedimosetso, dirisa molao ono wa motheo: Se batle go gontsi! Richard S. Wurman o go tlhalosa ka tsela eno: “Selo se se ka go thusang go dirisa tshedimosetso sentle ke go lekanyetsa tshedimosetso e o e batlang o tsaya fela e e amang botshelo jwa gago . . . Ke dumela gore ga se boammaaruri gore fa o na le dilo tse dintsi tse o ka tlhophang mo go tsone, o ka kgona go tsaya dikgato tse di tshwanetseng e bile o ka kgona go nna le kgololesego e ntsi. Go na le moo, go nna le dilo tse dintsi tse o ka tlhophang mo go tsone go lebega go dira gore motho a tlhobaele thata.”

Ka jalo malebana le go bala kgotsa go lebelela thelebishene, go molemo go tlhatlhoba ditlwaelo tsa gago. Ipotse jaana: ‘A seno se botlhokwa mo tirong ya me kgotsa mo botshelong jwa me? A ruri ke tlhoka go itse gotlhe gono mo e seng ga sepe le ditshele tseno kaga batho ba lefatshe leno ba ba itsegeng le ba go tweng ba bantle? Botshelo jwa me bo tla fetolwa ke eng fa ke sa lebelele thulaganyo eno ya thelebishene, ke sa bale buka eno kgotsa makasine ole, kana ke sa fetse nako e ntsi jaana ke bala lokwalodikgang?’ Batho bangwe ba ile ba kgona go sekaseka dilo tse ba di balang le tse ba di lebelelang mo thelebisheneng mme ba bo ba fokotsa dilo tse di kgotlelang ditlhaloganyo tsa bone le magae a bone. Ka sekai, ba ile ba dira tshwetso ya go dira peeletso ya lokwalodikgang lo le longwe fela la letsatsi le letsatsi. Bontsi jwa makwalodikgang bo kwala dikgang di le dingwe tse di tshwanang. Batho bangwe ba kopile ka tlhamalalo gore ba se ka ba romelelwa junk mail e ba sa e kopang.

Jesu Keresete yo e leng monna yo mogolo go gaisa yo o kileng a tshela o ne a buelela gore go bolokiwe botshelo bo sa raraana e bile bo sa tlhakatlhakana. (Mathaio 6:25-34) Merafe e le mentsi ya kwa Asia e buelela botshelo jo bo sa raraanang e bile e bo rata thata mme le merafe e le mentsi ya Bophirima e bo tsaya e le tsela e e gaisang ya go tshela. Mokwadi e bong Duane Elgin o ne a bolela jaana: “Go tshela botshelo jo bo sa raraanang ke go tshela o na le maikaelelo mo botshelong o na le dikgoreletsi tse di sa tlhokegeng di sekae fela.”

Jaanong, fa o setse o rulagantse tshedimosetso e o e tsayang go ya ka botlhokwa jwa yone kafa o e tlhokang ka teng, dira fela jalo le ka dikgatlhego, ka go bo kgatlhego ke selo se se maatla se se ka go tlhotlheletsang go ithuta. Le fa go ntse jalo, bothata fano ke go farologanya se tota o se kgatlhegelang le se o akanyang gore se ka nna sa go kgatlha gore o tle o itumedise batho ba bangwe—gongwe batho ba o dirang le bone. Le fa go ntse jalo, fa o ka rulaganya nako e o e dirisetsang go bala le go lebelela thelebishene kgotsa go dirisa khomputara fela jaaka o ne o tla dira ka ditiro tse dingwe, o tla fitlhela gore go e dirisetsa dilo tse di go kgatlhang thata go ka dira gore botshelo jwa gago bo itumedise kwantle ga gore o tlhobaele go sa tlhokege.

Ka jalo, o ka fenya go tlhobaela ka tshedimosetso jang? O ka se kgone go go fedisa gotlhelele, le fa go ntse jalo, ka go latela melao e e motlhofo eno e re e boletseng fano go tla thusa fela thata. O se ka wa batla go itse dilo tse dintsintsi mme o tlhaole tshedimosetso go ya ka dilo tse o di tlhokang le tse o di kgatlhegelang. Nako e e tla e ka yone mathata otlhe a botshelo, go akaretsa le go tlhobaela ka tshedimosetso, a tla nnang dilo tse di fetileng, le fa go ntse jalo, ga jaanong, o se ka wa tseela dilo tsa segompieno tsa boranyane kwa godimo thata. Di tseye fela e le dilo tse o ka di dirisang go dira tiro nngwe. O se ka wa nna lekgoba la tsone kgotsa wa di tlotla thata. Ka go dira jalo, tshedimosetso e e molemo e tla nna e e agang, e e kgothatsang le e e solegelang molemo, e sa go dire gore o tlhobaele.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Leka go Ananya

“Tlogela go dira peeletso ya go nna le seteishene se se beelediwang sa thelebishene, . . . mme o dirise one [madi] ao o duela ka one kgwedi le kgwedi go dira peeletso ya buka nngwe kgotsa di le mmalwa tse di molemo. Dibuka di farologane le thelebishene: Ga di bonako, di gapa kgatlhego, di a tlhotlheletsa, di a tlhalefisa e bile di dira gore o kgone go ikakanyetsa dilo.”

“Gape o ka akanyetsa go dira thulaganyo ya gore o dirise diura di le mmalwa fela ka beke o le mo Internet kgotsa gongwe o lekalekanye nako e o e fetsang o le mo go yone le nako e o e fetsang o bala dibuka.”—Data Smog—Surviving the Information Glut.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

E Laole, E se Go Laole

“Tima thelebishene. Ga go na tsela e e bonako go laola botshelo jwa gago, kagiso ya legae la gago le se o akanyang ka sone go feta go tima sedirisiwa se se tlamelang bontsi jwa rona ka dilo tse di amang matshelo a rona. Dimilione tsa Baamerika ba lemogile gore ba kgona go nna le thethebalo le go laola maemo fa ba dirisa konopo ya OFF, re sa re sepe ka diura tse dintsintsi tsa nako e e oketsegileng e ba ka nnang ba simolola go e dirisetsa dingwe tsa dilo tse ba sa bolong go batla go di dira mme ba se na nako ya gone.”—Data Smog—Surviving the Information Glut.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Ela Internet Tlhoko

Batho ba ba nang le boitsholo jo bo maswe ba dirisa Internet go rotloetsa keletso ya bone e e sa siamang ya tlhakanelodikobo le go leka go ikgolaganya le batho ba ba ratang seo kana ba ba sa itseng. Ba bangwe ba dirisa Internet go buelela maikaelelo a bone ka namana. Batenegi le bone ba iterela diaterese tsa Web go tshwara ba ba seng kelotlhoko.

Motho o tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa a dirisa Internet, e bile segolobogolo batsadi ba tshwanetse ba nna ba etse maemo tlhoko fa mongwe wa bana ba bone a ka tswa a e dirisa. Ke boamaaruri gore e na le metswedi e mentsi e e melemo e e ka bonwang mo go yone, e e jaaka dilaeborari tsa dipatlisiso, mabenkele a dibuka le metswedi ya dikgang. Ka sekai, Mokgatlho wa Watchtower o sa tswa go itsise aterese ya one ya Web bosheng jaana (http://www.watchtower.org), e e diretsweng go tlhagisa tshedimosetso e e boammaaruri ka ga Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, motho o tshwanetse a lemoga gore go na le dilo tse di kotsi thata mo go yone, tse di akaretsang ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le botenegi.

Mokeresete o tshwanetse a nna a akantse ka kgakololo ya ga Paulo: “Seno, jalo, ke se bua e bile ke naya bosupi ka sone mo Moreneng, gore lo se ka lwa tlhola lo tswelela lo tsamaya fela jaaka merafe le yone e tsamaya mo bosenangpoelo jwa megopolo ya yone, fa ba ntse ba le mo lefifing mo mogopolong . . . Ka ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro, ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng go dira bosengphepa jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru. Mme lona lo ne lwa se ka lwa ithuta Keresete a ntse jalo.” (Baefeso 4:17-20) Gape, “A kgokafalo le bosengphepa jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; lefa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e bifelesegang, dilo tse di seng kafa tshwanelong, mme go na le moo go ntshiwa ga ditebogo.” (Baefeso 5:3, 4) Re tshwanetse ra lemoga gore diaterese di le dintsi tsa Web di itiretswe ke batho ba ba nang le maikaelelo a boitsholo jo bo sa siamang kana ba ba sa ikanyegeng. E bile diaterese di le dintsi tse di ka tswang di itshiametse fela kana di ikanyega, tse di jaaka go kwalelana melaetsa lo le setlhopha, ke tshenyo ya nako fela. O ikgaphe mo dilong tseno tsotlhe!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela