Ke Eng se se Bakang go Tlhobaela ka Tshedimosetso?
“GO TLHOBAELA KA TSHEDIMOSETSO go bakiwa ke pharologanyo e e ntseng e gola go ya pele gareng ga se re se tlhaloganyang le se re akanyang gore re tshwanetse go se tlhaloganya. Go bakwa ke se se tlhaelang gareng ga tshedimosetso le kitso, mme go diragala fa tshedimosetso e sa re bolelele se re se batlang kgotsa se re tlhokang go se itse.” Go kwadile jalo Richard S. Wurman mo bukeng ya gagwe ya Information Anxiety. “Ka lobaka lo loleele, batho ba ne ba sa lemoge gore go na le dilo tse dintsi tse ba sa di itseng—ba ne ba sa itse dilo tse ba sa di itseng. Mme gone jaanong batho ba itse dilo tse ba sa di itseng mme seo ke sone se se dirang gore ba tlhobaele.” Seno se baka gore bontsi jwa rona re ikutlwe gore re tshwanetse go itse dilo di le dintsi go feta tse re di itseng. Mo tshedimosetsong e ntsintsi e re e neelwang, re ronopa dikarolo tse dinnye fela tsa tshedimosetso e e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, gantsi ga re ke re itse sentle gore re dire eng ka yone. Mo godimo ga moo, re ka nna ra akanya gore mongwe le mongwe o itse go le gontsi e bile o tlhaloganya go le gontsi go re feta. Ke mo go yone nako eo re simololang re tlhobaela!
David Shenk o bolela gore tshedimosetso e e ntsintsi e setse e le selo se se kgotlelang se se bakang “kgakgamosi ya tshedimosetso.” O oketsa jaana: “Kgakgamosi ya tshedimosetso e a kgoreletsa; ga e re neye nako ya tidimalo e bile e re kgoreletsa go ipha nako e re e tlhokang thata ya go ja marapo a tlhogo. . . . E re dira gore re tlhobaele thata.”
Ke boammaaruri gore tshedimosetso e ntsi bobe kgotsa mokoakoa wa dilo o ka re bakela go tlhobaela, mme go ntse jalo le fa re na le tshedimosetso e e sa felelang kgotsa mo go maswe le go feta, re na le tshedimosetso e e phoso. Go tshwana fela le go jewa ke bodutu mo kamoreng e e tletseng batho. Jaaka John Naisbitt a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Megatrends, “re bolaisiwa tshedimosetso e ntsi mme le fa go ntse jalo re bolawa ke tlala ya go tlhoka kitso.”
Kafa Bokebekwa Jwa Dikhomputara Bo ka Go Amang ka Teng
Selo se sengwe se se bakang go tlhobaela ke go oketsega thata ga bokebekwa jwa dikhomputara. Dr. Frederick B. Cohen, mo bukeng ya gagwe ya Protection and Security on the Information Superhighway, o tlhalosa dilo tse a amegileng ka tsone jaana: “FBI [Federal Bureau of Investigation] e fopholetsa gore ngwaga nngwe le nngwe go nyelela didolara di le dimilione di le dikete tse 5 [diranta di le dimilione di le dikete tse 22] ka ntlha ya bokebekwa jwa dikhomputara. Mme selo se se tshosang ke gore seno ke lemmenyana fela la se tota se diregang. Makoa a dithulaganyo tsa tshedimosetso le one a ile a dirisiwa ka tsela e e sa siamang go fenya mo dipuisanong, go senya ba bangwe maina, go fenya dikgotlhang tsa sesole le e leng go bolaya.” Mo godimo ga seno sotlhe ke tlhobaelo e e ntseng e gola malebana le bothata jwa ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo tsa dikhomputara tse bana ba kgonang go di leba—re sa umake sepe ka go tsenelela diphiri tsa batho.
Batho ba ba lemaletseng khomputara ba ba boferefere ba tsenya dibaerase mo dithulaganyong tsa khomputara ka boomo le go baka tshenyo e e boitshegang. Bomankge ba tsa dikhomputara ba e leng dikebekwa ba kgona go bula dithulaganyo tsa eleketeroniki ka bonweenwee ba bo ba leba tshedimosetso e e leng khupamarama, ka dinako dingwe le e leng go utswa madi. Ditiro tse di ntseng jalo di ka ama diketekete tsa batho ba ba nang le dikhomputara ka tsela e e sa itumediseng. Bokebekwa jwa mo dikhomputareng ke matshosetsi mo kgwebong le mo pusong.
Botlhokwa Jwa go Sedimosediwa Sentle
Gone mme, rotlhe re tlhoka go nna le tshedimosetso sentle, le fa go ntse jalo, go nna le tshedimosetso e ntsintsi ka bogone ga go re rute, ka go bo dilo di le dintsi tse di tlhagelelang e le tshedimosetso di na le mabaka a a sa utlwaleng kgotsa tshedimosetso e e sa felelang, e e sa amaneng le selo se re se itseng. Bangwe e bile ba akantsha gore go na le gore seno se bidiwe gore ke “tshedimosetso e ntsintsi,” go ka nna botoka fa se ka bidiwa “pego e ntsintsi” kgotsa le e leng go sotla ka gone ka go bidiwa “go tlhoka tshedimosetso go go feteletseng.” Hazel Henderson yo o leng mosekaseki wa ikonomi o leba seno jaana: “Tshedimosetso ka boyone ga e rute sepe. Ga re kgone go tlhaola se e leng tshedimosetso e e sa siamang, tshedimosetso e e seng yone kgotsa se e leng puo ya lefela mo nakong eno e mo go yone metswedi ya tshedimosetso e leng yone e tseelwang kwa godimo. Go tlhoma mogopolo thata mo tshedimosetsong ka boyone go dirile gore go nne le mekgobekgobe e mentsintsi ya dikarolwana tse di sa felelang le tse di se nang bokao tsa tshedimosetso e e sa re ameng, mo boemong jwa go senka mekgwa e mesha e e botlhokwa ya kitso.”
Joseph J. Esposito yo e leng poresidente wa Encyclopædia Britannica Publishing Group, o tlhalosa se a se lemogileng ka go bua jaana a tlhamaletse: “Bontsi jwa tshedimosetso ya Motlha ono wa Tshedimosetso e itshenyegela fela; ke leratla fela. Tshedimosetso e Ntsintsi ke leina le le tshwanetseng; go nna gontsi thata jalo ga yone tota go re kgoreletsa go utlwa bontsi jwa yone. Fa re sa kgone go utlwa, re ka se kgone go itse.” Orrin E. Klapp o tlhalosa se a se lemogileng jaana: “Ke belaela gore ga go na ope yo o itseng gore ke dilo di le kana kang tsa tlhaeletsano ya batho botlhe tse e leng tshedimosetso fela e e kabakangwang, e e ipolelang fa e bolela sengwe mme boammaaruri e le gore ga e bolele sepe.”
Kwantle ga pelaelo o tla gakologelwa gore bontsi jwa dilo tse o ithutileng tsone kwa sekolong di ne di remeletse fela mo go ithuteng dintlha e le fela gore o falole ditlhatlhobo. Gantsi o ne o tshwara dilo dingwe ka tlhogo pele fela ga nako ya tlhatlhobo. A o sa ntse o gakologelwa fa o ne o tshwarelela ka tlhogo lenaane le leleele la matlha mo dithutong tsa hisitori? Ke ditiragalo di le kae le matlha ao tse o ka kgonang go di gakologelwa gone jaanong? A dintlha tseo di go ruta go akanya dilo sentle le go thusa go dira ditshwetso tse di utlwalang sentle?
A go Nna le Yone ka Bontsi go a Thusa?
Fa go ineela mo go batleng go nna le tshedimosetso e e oketsegileng go sa laolwe ka kelotlhoko, go ka senya nako, boroko, boitekanelo le e leng madi a mantsi. Ka go bo le fa go bona tshedimosetso e ntsi go dira gore o kgone go tlhopha dilo tse dintsi, go ka dira gore motho yo o e senkang a tlhobaele, a ipotsa gore a o batlile tshedimosetso yotlhe kgotsa a o bone yotlhe e e leng teng. Dr. Hugh MacKay o lemosa jaana: “Boammaaruri ke gore tshedimosetso ga se yone tsela ya go nna le kitso. Tshedimosetso ka boyone, ga e re sedimosetse sepe ka bokao jwa matshelo a rona. Tshedimosetso ga e amane thata le go nna botlhale. Eleruri, fela jaaka dilo tse dingwe tse o nang le tsone, e ka go kgoreletsa go bona botlhale. Re ka itse go le gontsi, fela jaaka re ka nna le dilo di le dintsi.”
Gantsi batho ga ba imelwe fela ke tshedimosetso e ntsintsi e e leng teng gompieno mme gape ba kgobiwa marapo ke go leka go fetolela tshedimosetso eo go nna sengwe se se tlhaloganyegang, se se botlhokwa le se tota se rutang. Go ilwe ga akantshiwa gore re ka nna ra bo re tshwana “le motho yo o nyorilweng yo o laetsweng gore a dirise sekhurumelo sa lebotlolo go nwa metsi go tswa mo lethompong la metsi a setimamolelo. Tshedimosetso e ntsintsi e e leng teng le mokgwa o gantsi e tlhagisiwang ka one o dira gore bontsi jwa yone e se ka ya nna mosola mo go rona.” Ka jalo, tshedimosetso e e tsewang e le e e lekaneng e tshwanetse ya sekasekwa, e seng go ya ka bontsi jwa yone, go na le moo e nne go ya ka boleng jwa yone le botlhokwa jwa yone mo go rona ka namana.
Go Tweng ka go Romelelana Tshedimosetso?
Tlhaloso e nngwe e e tlwaelegileng e go buiwang thata ka yone gompieno ke “go romelelana tshedimosetso.” Seno se bolela go romelelana tshedimosetso ka metšhini. Le fa gone seno se ka tswa se le mosola, ga se tsela e e molemo thata ya puisano. Ka ntlha yang? Ka gonne re tsibogela batho botoka e seng metšhini. Fa batho ba romelelana tshedimosetso, ga ba bonane tebego epe ya sefatlhego, ga ba lebane mo matlhong kgotsa go bona kafa yo mongwe a itsikinyang ka teng, e leng dilo tse gantsi di kgabisang motlotlo le go senola maikutlo. Mo metlotlong ya fa o lebane le mongwe mo matlhong, dilo tseno di oketsa mafoko a a buiwang e bile gantsi di thusa go a tlhalosa sentle. Ga go na sepe sa dilo tseno tse di botlhokwa mo go thuseng mo go tlhaloganyeng se se nnang teng fa go romelelanwa tshedimosetso ka metšhini, le e leng mo difounong tse di ntseng di ata thata tsa cellular. Ka dinako dingwe, tota le e leng metlotlo ya fa batho ba lebane mo matlhong ga e senole sentle se sebui se se akantseng mo tlhaloganyong ya gagwe. Moreetsi a ka nna a amogela mafoko le go akanya ka one ka tsela ya gagwe mme a a tlhaloganya ka tsela e e phoso. A bo seno se ka nna diphatsa le e leng go feta jang ne fa se diragala mmui a sa bonwe!
Ke selo se se hutsafatsang gore nako e ntsi e bangwe ba e fetsang ba lebile sekerini sa khomputara le thelebishene ka dinako dingwe e dira gore bamalapa a bone ba nne jaaka e kete ke baeng mo legaeng la bone.
A o Kile wa Utlwa ka go Boifa Tegenoloji?
“Go boifa tegenoloji” go bolela fela “go tshaba dilo tsa boranyane,” go akaretsa go dirisa dikhomputara le metšhini e mengwe. Bangwe ba dumela gore seno ke nngwe ya dilo tse di tlhobaetsang thata tse di bakilweng ke motlha ono wa tshedimosetso. Setlhogo sengwe mo go The Canberra Times, se se theilweng mo go gololweng ga Associated Press se balega jaana: “Balaodi ba Bajapane ba Boifa Dikhomputara.” Go boletswe seno ka molaodimogolo wa khampani nngwe e kgolo ya Japane: “[O] a laola e bile o na le maemo a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, fa a dutse fa pele ga khomputara, o tshoga fela thata.” Go ya ka patlisiso e e dirilweng mo dikhampaneng di le 880 tsa Japane, ke diperesente di le 20 fela tsa balaodi ba tsone tse di kgonang go dirisa dikhomputara.
Go boifa dilo tsa tegenoloji go gakadiwa ke dikotsi tse dikgolo tse di jaaka go phutlhama ga ditirelo tsa dithelefouno ka 1991 kwa New York City mo go neng ga kgoreletsa maemadifofane ka diura di le mmalwa. Mme go tweng ka kotsi e e neng ya direga kwa seteisheneng sa motlakase sa Three Mile Island Nuclear Power Plant kwa United States ka 1979? Go ne ga tsaya balaodi ba seteishene seo diura di le mmalwa tse di botlhokwa pele ga ba ka tlhaloganya gore ke eng fa alamo e e laolwang ke khomputara e ne e lela.
Tseno ke dikai di sekae fela tsa kafa tegenoloji ya motlha ono wa tshedimosetso e neng ya ama batho ka tsela e e sa itumediseng ka teng. Dr. Frederick B. Cohen o ne a botsa dipotso tseno tse di dirang gore motho a akanye mo bukeng ya gagwe: “A o kile wa ya kwa bankeng bosheng jaana? Fa e le gore dikhomputara di ne di sa bereke, a o ne o tla bona madi mo go tsone? Go tweng ka marekisetso a magolo? A ba ne ba tla kgona go go duedisa fa dikhomputara tsa bone tsa go duedisa di ne di sa bereke?”
Gongwe o ka tswa o kile wa diragalelwa ke nngwe ya ditiragalo tse di batlang di tshwana le tseno tse di latelang:
• Serekotadikhasete tsa bidio (VCR [vidiotape recorder]) sa gago se sesha se bonala se na le dikonopo di le dintsi fa o batla go tlhopha thulaganyo e o eletsang go e rekota. Gongwe o ikoba jaaka nku mme o bitse setlogolo sa gago sa dingwaga di le robonngwe go tla go go bulela VCR kgotsa o tlogela go tlhola o leba thulaganyo eo gotlhelele.
• O tlhoka madi ka bonako. O tsamaya ka koloi go ya kwa motšhineng o o gaufi wa banka mme ka bonako fela o gakologelwa gore nako e e fetileng fa o ne o o dirisa, o ne wa tlhakana tlhogo mme wa tobetsa dikonopo tse di sa tshwanelang.
• Founo ya mo ofiseng e a lela. Founu eno e tsene kwa go wena ka phoso. Founu eo e ne e le ya mookamedi wa gago yo o kwa boalong jo bo kwa godimo ga jwa gago. Go na le tsela e e motlhofo thata ya go isa founu eo kwa go ene, le fa go ntse jalo, ka go sa tlhomamisege, o swetsa ka gore o kope modiri wa switchboard go go fetisetsa founu eo.
• Desheboto ya koloi ya gago e o sa tswang go e reka e lebega e kete ke desheboto ya sefofane sa bosheng sa jete. Ka tshoganetso fela, lebone le lehibidu le a bonesa, mme o tlhakana tlhogo ka gonne ga o itse gore lebone leo le supa eng. Ka jalo, o tshwanelwa ke go ya go leba ka botlalo mo bukeng ya dikaelo.
Tseno ke dikai di sekae fela tsa go boifa tegenoloji. Re ka tlhomamisega gore tegenoloji e tla tswelela e tlhagisa didirisiwa tse di raraaneng le go feta, tse kwantle ga pelaelo batho ba maloba ba neng ba tla re ke “dikgakgamatso.” Sengwe le sengwe sa bosheng se se tsenang mo mmarakeng se tlhoka gore se itsewe sentle thata e le gore se tle se dirisiwe ka tshwanelo. Dibuka tsa dikaelo tse bomankge ba di kwadileng ka mareo a teng a a thata,a di a boifisa ka botsone fa di kwadilwe go tsewa gore modirisi o tla tlhaloganya mareo a teng le gore o na le kitso e e rileng le botswerere.
Paul Kaufman yo e leng motlhamadikgopolo ka ga tshedimosetso o ne a sobokanya boemo jono ka tsela eno: “Setšhaba sa rona se na le mogopolo ka ga tshedimosetso oo, le mororo o gogela o feletsa o sa fitlhelela maikaelelo a one. . . . Lebaka le lengwe ke gore go ilwe ga tlhomiwa mogopolo thata mo dikhomputareng le mo dilong tsa eleketeroniki mme ga tlhokomologiwa batho ba tota ba dirisang tshedimosetso eo gore ba kgone go tlhaloganya dilo tse di mo lefatsheng sentle le go direlana dilo tse di mosola. . . . Bothata ga se gore re tseetse dikhomputara kwa godimo, go na le moo ke gore re setse re akanya go sekae fela ka batho.” Go lebega fa go tshwarega thata mo go batleng go dira dilo tse disha tse di jesang kgakge tsa boranyane go tlogetse batho ba tshwenyegile ka ga gore ke eng se se tla latelang morago. Edward Mendelson o bolela gore: “Batho ba ba akanyang dilo tse di sa kgonegeng tsa boranyane ga ba kitla ba lemoga pharologano gareng ga selo se se kgonegang le se se eletsegang. Fa motšhini o o rileng o dirilwe gore o dire tiro nngwe e e raraaneng mo go kgatlhang, motho yo o akanyang dilo tse di sa kgonegeng o tla tsaya fela gore tiro eo e tshwanelwa ke gore e dirwe.”
Boikutlo jono jwa go itlhokomolosa batho fa go dirwa dilo tsa boranyane jwa saense, ke jone jo bo gakatsang go tlhobaela ka tshedimosetso.
A Ruri di Tokafaditse Bonatla mo Tirong?
Mokwaladikgang e bong Paul Attewell, fa a kwala mo go The Australian, o akgetse ka ga patlisiso ya gagwe malebana le gore go ilwe ga somarelwa nako e e kana kang le madi ka ntlha ya dikhomputara mo dingwageng tsa bosheng jaana. Dintlha di sekae tse a ileng a di tlhalosa sentle ke tseno: “Le mororo go ile ga feta dingwaga di le dintsi go dirisiwa madi a mantsi mo go tlhabololeng dithulaganyo tsa dikhomputara tse di diretsweng go dira ditiro tsa botsamaisi le go laola ditlhwatlhwa, diyunibesithi di le dintsi le dikholetšhe di fitlhela gore badiri ba tsone ba botsamaisi ba nnela go oketsega. . . . Ka masome a le mmalwa a dingwaga, badiri ba dikhomputara ba ne ba bolela gore metšhini e ba e rekisang e tla dira gore go nne le bonatla jo bogolo thata mo ditirong, mo go tla dirang gore go dirwe tiro e ntsi ya botsamaisi ka badiri ba le mmalwa fela ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Go na le moo, jaaka fa re ntse re lemoga, metšhini ya tshedimosetso e dirile gore matsapa a a dirwang e nne a bophiri fela: dilo tse dintsi tse disha di dirwa ke palo ya babereki e e lekanang le ya pele kgotsa ke palo e kgolo go feta, go na le go dirwa ke palo ya babereki ba le mmalwa fela e bogologolo e neng e kgona go di dira. Gantsi, ga go na madi ape a a somarelwang. Sekai se sengwe sa matsapa a bophiri a a tsewang ke gore batho ba dirisa metšhini eno go ntlafatsa tebego ya ditlankana go na le go dira fela tiro ya pampiri ka bonako.”
Jaanong go lebega fa tshedimosetso e e bonwang ka bontsi, e go ka diregang gore e nne kotsi mo Bakereseteng e tlile go nna selo sa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, re ka tila jang go tshwenyega ka tshedimosetso—bobotlana ka selekano se se rileng? Re neelana ka dikakantsho di sekae tse di thusang mo setlhogong se se latelang se se khutshwane.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dikai tsa mareo a a thata a dikhomputara: log on, mo go bolelang “lomaganya mo thulaganyong”; boot up, “simolola kgotsa tsamaisa”; portrait position, “ka go tlhamalala”; landscape position, “ka go sekama.”
[Lebokoso mo go tsebe 16]
Mokoakoa wa Tshedimosetso E e Sa Tlhokegeng
“Jaaka rotlhe re itse, batho ka bontsi ba sokama ditlhaloganyo ka tsela e e feteletseng. Bosheng jaana re bona go ata ga dithulaganyo tse di maswe tsa thelebishene, mananeo a radio a a tlhotlheletsang letlhoo, bagasi ba radio ba ba buang dilo tse di garolang pelo, go isana kgotlatshekelong ka ditatofatso tsa maaka, go itumisa leina ka ditsela tse di sa tlwaelegang, thubakanyo e e feteletseng le go gelekisa puo ka go sotla. Dibaesekopo di nna di tletse boitshwaro jo bo feteletseng jwa tlhakanelodikobo le thubakanyo. Go bapadiwa dilo ka go dira leratla le legolo, ka tsela ya go pateletsa batho e bile gantsi e le ka tsela e e sa itumediseng . . . Go bua matlhapa go atile thata mme go bua ka boitlotlo go go tlwaelegileng go a fokotsega. . . . Se bangwe ba reng ke ‘masetlapelo mo mekgweng e mentle ya lelapa’ se amana thata le phetogo ya tsa tshedimosetso e seng le gore Hollywood ga e tlotle thulaganyo e e sa bolong go nna teng ya lelapa.”—Data Smog—Surviving the Information Glut, ya ga David Shenk.
[Lebokoso mo go tsebe 17]
Botlhale Tsela ya Bogologolo
“Morwaaka, fa o ka tshola mafoko a me, wa ba wa ipeela ditaolo tsa me fa go wena, wa sekegela botlhale tsebe, mme wa lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong; ee, fa o tlhaeletsa tlhalemaleje, mme wa tsholeletsa tlhaloganyo lentswe la gago; fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng; foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo. Gonne Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le tlhaloganyo. Gonne botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago; tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, tlhaloganyo e tlaa go boloka.”—Diane 2:1-6, 10, 11.
[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]
Tshedimosetso e ntsintsi e ile ya bapisiwa le go leka go tlatsa sekhurumelo sa lebotlolo ka lethompo la metsi a setimamolelo