LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 October ts. 5
  • Basha​—⁠A Jehofa ke Tsala ya Lona e Kgolo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha​—⁠A Jehofa ke Tsala ya Lona e Kgolo?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Kgona go Nna Tsala ya ga Jehofa
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Modimo o go Laletsa Gore o Nne Tsala ya Gagwe
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • A ke Tshwanetse go Tlaleya Tsala ya Me?
    Tsogang!—2008
  • Ke ka Ntlha Yang fa Tsala Ya me E Kgolo e Fudugile?
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 October ts. 5
Mokaulengwe yo mosha o dutse mo tafoleng mme o a ithuta.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Basha—A Jehofa ke Tsala ya Lona e Kgolo?

O ka rata go nna le tsala e e nang le dinonofo dife? Gongwe o ka rata go nna le tsala e e ikanyegang, e e pelontle le e e pelotshweu. Jehofa o na le dinonofo tseno tsotlhe. (Ek 34:6; Dit 14:17) O a go reetsa fa o mo rapela. Nako le nako fa o tlhoka thuso, o a go thusa. (Pes 18:19, 35) Fa o dirile diphoso o a go itshwarela. (1Jo 1:9) Ruri Jehofa ke tsala e e molemo tota!

Ke eng se se ka go thusang go nna tsala ya ga Jehofa? Ithute ka ene ka go bala Lefoko la gagwe. Mo ikanye. (Pes 62:8; 142:2) Bontsha gore o anaanela dilo tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa, tse di jaaka Morwawe, Bogosi jwa gagwe, le ditsholofetso tse a tla di dirang mo nakong e e tlang. Bolelela ba bangwe ka ene. (Dut 32:3) Fa o lwela go nna le kamano e e molemo le Jehofa, o tla nna Tsala ya gago go ya go ile.—Pes 73:25, 26, 28.

LEBANG BIDIO YA, BASHA—“LEKANG MME LO BONE GORE JEHOFA O MOLEMO,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo ya bidio ya ‘Basha​—⁠Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo.’ Kgaitsadi yo mosha o a rapela pele a ithuta.

    O ka dira eng gore o ipaakanyetse go ineela le go kolobediwa?

  • Tiragalo ya bidio ya ‘Basha​—⁠Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo.’ Mokaulengwe wa mmulatsela o bontsha monna mongwe temana ka Se-Karen (S’gaw).

    Ba bangwe mo phuthegong ba ka go thusa jang gore o kgone go direla Jehofa?

  • Tiragalo ya bidio ya ‘Basha​—⁠Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo.’ Mokaulengwe yo mosha yo o ratang go thusiwa ke bagodi, o tsamaya le mokaulengwe yo o godileng mo tshimong.

    Tiro ya go rera e nonotsha kamano ya gago le Jehofa jang?

  • Tiragalo ya bidio ya ‘Basha​—⁠Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo.’ Kgaitsadi mongwe o tsamaile diura di le pedi ka maoto gore a ye go ithuta le mosetsana yo o sa utlweng mo ditsebeng.

    O ka nna tsala ya ga Jehofa go ya go ile!

    Ke dikabelo dife tse o ka nnang le tsone mo phuthegong?

  • Ke eng se o se ratang ka Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela