MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 6-7
Go Bontsha Ditebogo
Ditlhabelo tsa kabalano tse di neng di ntshiwa kwa Iseraele di re gopotsa gore go botlhokwa gore re nne re leboga Jehofa fa re rapela, gape re bontshe gore re a mo leboga ka tsela e re itshwarang ka yone.—Baf 4:6, 7; Bak 3:15.
Fa re rapela, ke shdilo dife tse re ka di tlhomololang tse re ka lebogang Jehofa go bo a re diretse tsone?—1Bath 5:17, 18
Re sologelwa molemo jang fa re bontsha gore re lebogela dilo tse Jehofa a re diretseng tsone?
Motho a ka ja yang “mo tafoleng ya madimona,” mme seo se ka bontsha jang gore ga a lebogele dilo tse Jehofa a mo diretseng tsone?—1Bak 10:20, 21