BOTSHELO JWA BOKERESETE
Bontsha Gore o Rata Jehofa Ka go Sa Dirisane le Batho ba ba Kgaotsweng
Fa motho yo o sa ikwatlhayeng a kgaolwa seno se sireletsa ba bangwe mo phuthegong e bile se ka thusa ene motho yoo gore a feleletse a ikwatlhaya. (1Bak 5:6, 11) Fa re ema nokeng thulaganyo eno ya ga Jehofa ya go otlhaya ba ba sa mo ikobeleng, re a bo re bontsha gore re a mo rata. Goreng re rialo mme e le selo se se utlwisang ba losika botlhoko tota le komiti ya boatlhodi?
Sa botlhokwa ke gore, fa re sa dirisane gotlhelele le motho yo o kgaotsweng, re a bo re bontsha gore re rata Jehofa le melao ya gagwe e e boitshepo. (1Pe 1:14-16) Gape re a bo re bontsha gore re rata motho yo o kgaotsweng. Le fa gone kotlhao e le botlhoko, e thusa gore motho yo o otlhailweng a ‘ungwe leungo la kagiso, e leng tshiamo.’ (Bah 12:5, 6, 11) Fa re dirisana le motho yo o kgaotsweng kgotsa yo o itomolotseng (motho yo o sa tlholeng a batla go itsege e le Mosupi wa ga Jehofa) re a bo re sa ikobele Jehofa. Gakologelwa gore Jehofa o otlhaya batho ba gagwe “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jer 30:11) Re solofela gore motho yoo o tla boela kwa go Jehofa, Rraarona yo o kutlwelobotlhoko. Rona re tshwanetse go tswelela re ema nokeng tsela e Jehofa a otlhayang ba bangwe ka yone mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go atamalana le ene.—Isa 1:16-18; 55:7.
LEBANG BIDIO YA IKANYEGE KA PELO E E FELETSENG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Batsadi ba Bakeresete ba utlwa botlhoko go le kana kang fa ngwana wa bone a tlogela Jehofa?
Ba bangwe mo phuthegong ba ka ema nokeng jang Bakeresete ba go nang le mongwe mo lelapeng, yo o tlogetseng Jehofa?
Ke pego efe ya Baebele e re rutang gore go ikanyega mo go Jehofa go botlhokwa go feta go ikanyega mo go ba lelapa?
Re ka bontsha jang gore re ikanyega mo go Jehofa go feta ba malapa a rona?