BOTSHELO JWA BOKERESETE
Batsadi, Rutang Bana ba Lona
Re tshela mo lefatsheng le le dirang gore re akanye gore molemo ke bosula, bosula ke molemo. (Isa 5:20) Ka maswabi, batho ba dira dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Tota e bile, ba bangwe ba dira boitsholo jo bo sa siamang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Bana ba kwa sekolong kgotsa batho ba bangwe ba ka leka go raela bana ba rona gore ba dire dilo tse bone ba di dirang. O ka thusa bana ba gago jang gore fa go tlhaga mathata a a tshwanang le ano ba itse gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira?
Ruta bana ba gago ka melao ya ga Jehofa. (Lef 18:3) Nna o ntse o ruta bana ba gago gore Baebele e a reng ka tlhakanelodikobo. Ba rute o akanyeditse dingwaga tsa bone. (Dut 6:7) Ipotse dipotso tseno: ‘A ke rutile bongwanake gore ke kae mo batho ba sa tshwanelang go ba tshwaratshwara gone le botlhokwa jwa go apara sentle? A ke ba tlhaloseditse gore ga ba a tshwanela go letla ope go ba dirisa dilo tse ba sa tshwanelang go di dira batho ba bangwe ba ba lebile—tse di jaaka go tlhapa kgotsa go apara? A bongwanake ba tla itse gore ba tshwanetse go dira eng fa mongwe a ba bontsha ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo kgotsa a ba kopa gore ba dire sengwe se Jehofa a reng se phoso?’ Go ba ruta go tla ba thusa gore ba tile mathata a le mantsi. (Dia 27:12; Mor 7:12) Fa o ruta bana ba gago, o a bo o bontsha gore o rata boswa jono jo bo botlhokwa jo bo tswang kwa go Jehofa.—Pes 127:3.
LEBANG BIDIO YA AGA NTLO E E SE KITLANG E PHUTLHAMA—SIRELETSA BANA BA GAGO MO GO “SE SE BOSULA,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Goreng batsadi ba bangwe ba okaoka go ruta bana ba bone ka tlhakanelodikobo?
Goreng batsadi ba tshwanetse go godisetsa bana ba bone mo “kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa”?—Bae 6:4
Bana ba gago ba tla sireletsega fa ba na le kitso
Phuthego ya ga Jehofa e neile batsadi eng go ba thusa gore ba rute bana ba bone ka tlhakanelodikobo?—w19.05 12, lebokoso
Goreng o tshwanetse go nna o tlotla le bana ba gago pele ba ka nna le mathata a a masisi?