TLHAGAFALELA BODIREDI
Se Re Ka Se Buang Mo Bodireding
Loeto Lwa Ntlha
Potso: A Modimo o reetsa dithapelo tsa rona?
Temana: Pes 65:2
Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Re ka rapela ka eng?
BATLA TEMANA ENO MO DIKGATISONG TSE DI MO LEBOKOSONG LA GO RUTA:
Loeto Lwa go Boela
Potso: Re ka rapela ka eng?
Temana: 1Jo 5:14
Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Modimo o araba dithapelo tsa rona jang?
BATLA TEMANA ENO MO DIKGATISONG TSE DI MO LEBOKOSONG LA GO RUTA:
Letsholo la go Laletsa Batho go tla Segopotsong (February 27–March 27)
“[Re go founela kgotsa re go kwalela jaana] go go laletsa go tla tiragalong ya botlhokwa e go tla bong go na le batho ba le dimilione kwa go yone. Re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu.” Naya motho yo o buang le ene taletso [kgotsa mo romelele molaetsa kgotsa lekwalo]. “Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang kwa go lone [kgotsa gore o ka e lebelela jang mo Internet]. Gape ka mafelobeke pele ga Segopotso, re go laletsa gore o nne teng fa go tla bo go tlotliwa ka kgang ya botlhokwa e e mo Baebeleng.”
Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?