TLHAGAFALELA BODIREDI
Se Re Ka Se Buang Mo Bodireding
Letsholo la go Laletsa Batho go Tla Segopotsong (February 27–March 27)
“[Re go founela kgotsa re go kwalela jaana] go go laletsa go tla tiragalong ya botlhokwa e go tla bong go na le batho ba le dimilione kwa go yone. Re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu.” Naya motho yo o buang le ene taletso [kgotsa mo e romelele mo molaetseng kgotsa ka lekwalo]. “Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang kwa go lone [kgotsa gore o ka e lebelela jang mo Internet]. Gape ka mafelobeke pele ga Segopotso, re go laletsa gore o nne teng fa go tla bo go tlotliwa ka kgang ya botlhokwa e e mo Baebeleng.”
Fa a Batla go Itse mo go Oketsegileng: Tshameka [kgotsa mo romelele] bidio ya Gopola Loso Lwa ga Jesu.
Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?
Loeto Lwa Ntlha
Potso: Jesu e ne e le mang?
Temana: Mat 16:16
Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?
BATLA TEMANA ENO MO DIKGATISONG TSE DI MO LEBOKOSONG LA GO RUTA:
Loeto Lwa go Boela
Potso: Goreng Jesu a ile a swa?
Temana: Mat 20:28
Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Re ka dira eng go bontsha gore re lebogela go bo Jesu a ile a re swela?
BATLA TEMANA ENO MO DIKGATISONG TSE DI MO LEBOKOSONG LA GO RUTA: