TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING
Ruta o le Matlhagatlhaga
Fa re le matlhagatlhaga, batho ba tla kgona go tlhoma mogopolo mo go se re se buang. Gape re a bo re bontsha gore re tsaya molaetsa wa rona o le botlhokwa. Re ka kgona go nna matlhagatlhaga go sa kgathalesege tsela e re godisitsweng ka yone kgotsa botho jwa rona. (Bar 12:11) Re ka dira seo jang?
Sa ntlha, ipotse gore molaetsa wa gago o botlhokwa go le kana kang. O na le tshiamelo ya go ‘bolela dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo!’ (Bar 10:15) Sa bobedi, akanya kafa dikgang tse di molemo di ka tokafatsang matshelo a batho ba o buang le bone ka gone. Ba tlhoka go utlwa se o buang ka sone. (Bar 10:13, 14) Sa bofelo, bua o le matlhagatlhaga, itshikinye mmele mme sefatlhego sa gago se bontshe tsela e o ikutlwang ka yone.
LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO—RUTA O LE MATLHAGATLHAGA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ke eng se se dirileng gore Lesego a se ka a tlhola a nna matlhagatlhaga fa a ithuta Baebele le Mmasentle?
Ke eng se se thusitseng Lesego gore a nne matlhagatlhaga gape?
Go nna matlhagatlhaga go ka ama ba bangwe
Goreng re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo ka batho ba ba re reeditseng?
Fa re le matlhagatlhaga, seno se ka thusa jang batho ba re ithutang Baebele le bone le batho ba bangwe?