BOTSHELO JWA BOKERESETE
Ga go Thata go Nna Pelokgale
Motho yo o pelokgale ke segatlhamelamasisi. Seno ga se reye gore motho yoo ga a ke a tshoga. Go na le moo, o kgona go dira se se siameng le fa a boifa. Jehofa ke ene a re thusang go nna pelokgale. (Ps 28:7) Basha ba ka bontsha jang gore ba pelokgale?
LEBANG BIDIO YA ETSA BA BA PELOKGALE, E SENG MAGATLAPA! LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ke dikgwetlho dife tse basha ba lebanang le tsone tse di ba tlhokang gore ba nne pelokgale?
Ke dipego dife tsa Baebele tse di ka re thusang go nna pelokgale?
Fa re nna pelokgale re solegelwa molemo jang mme seno se ka thusa ba bangwe jang?