TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING
Amogela Thuso ya Bakaulengwe ba Rona
Jehofa o re neile bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re thuse. (1Pe 5:9) Ba ka re thusa ka dikgwetlho tse re nnang le tsone mo bodireding. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a kgothadiwa ke Akhwila le Perisila, Silase, Timotheo le ba bangwe.—Dit 18:1-5.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka go thusa jang mo bodireding? Ba ka go naya kgakololo e e tla go thusang fa mongwe a leka go go thibela go rera, fa o ya kwa maetong a go boela kgotsa fa o tshwara thuto ya Baebele. Akanya ka mongwe yo o ka go thusang mo phuthegong ya lona, mme o mo kope gore a go thuse. Seno se tla lo thusa e bile se tla dira gore lo itumele.—Baf 1:25.
LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—AMOGELA THUSO YA GA JEHOFA—BAKAULENGWE BA RONA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Lesego o ne a kgothaletsa Mmasentle jang go tla dipokanong?
Goreng re tshwanetse go laletsa baboledi ba bangwe fa re tshwara dithuto tsa Baebele?
Gore motho e nne morutwa o thusiwa ke batho botlhe mo phuthegong
Mmasentle le Kgaitsadi Tiro ba ne ba rata eng se se tshwanang?
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng ba ka go ruta go nna le bokgoni bofe mo bodireding?