LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb22 January ts. 11
  • Basha​—Bolelelang Batsadi ba Lona Gore lo Ikutlwa Jang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha​—Bolelelang Batsadi ba Lona Gore lo Ikutlwa Jang
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tlotla Rrago le Mmago”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • O ka Thusa ba Lelapa la Gago Gore ba Itumele
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Batsadi—Thusang Bana ba Lona go Rata Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ke Eng Se se Ka Dirang Gore Lelapa la Gago le Itumele?—Karolo 2
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb22 January ts. 11

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Basha—Bolelelang Batsadi ba Lona Gore lo Ikutlwa Jang

Goreng o tshwanetse go bolelela batsadi ba gago tsela e o ikutlwang ka yone? (Dia 23:26) Ka gonne Jehofa o ba neile boikarabelo jwa gore ba go tlhokomele le go go kaela. (Ps 127:3, 4) Go ka nna thata gore ba go thuse fa o sa ba bolelele dilo tse o di kgathalelang le dilo tse di go tshwenyang. Gape o ka se ka wa ithuta go tswa mo maitemogelong a ba nnileng le one ka botshelo. A go phoso gore o se ka wa bua ka dilo dingwe tse o di akanyang? Ga go phoso mme o ele tlhoko gore o se ka wa tsietsa batsadi ba gago gore ba dumele sengwe se se seng boammaaruri.—Dia 3:32.

O ka bua jang le batsadi ba gago? Leka go batla nako e e siameng e o ka buang le bone ka yone. Fa go le thata go dira jalo, kwalela mongwe wa bone lekwalo le o tlhalosang tsela e o ikutlwang ka yone. Jaanong o tla dira eng fa batsadi ba gago ba batla go bua le wena ka sengwe se o sa batleng go bua ka sone? Gopola gore ba batla go go thusa. Tsaya batsadi ba gago jaaka ditsala mme e seng baba ba gago. Matsapa a o a tsayang a go bua le batsadi ba gago ka sengwe le sengwe a tlile go go solegela molemo mo botshelong jwa gago jotlhe.—Dia 4:10-12.

LEBANG BIDIO YA GO NNA MOSHA—NKA BUA LE BATSADI BA ME JANG?, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Go Nna Mosha​—Nka Bua le Batsadi ba me Jang?” Mosetsana mongwe o tsentse di-headset e bile o dirisa khomputara ka gonne o leka go itlhokomolosa mmaagwe fa a ntse a bua le ene.

    Ke eng se Esther le Partik ba ileng ba se lemoga?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Go Nna Mosha​—Nka Bua le Batsadi ba me Jang?” Mosetsana mongwe o bua le mmaagwe e bile o mmontsha sengwe mo founong.

    Ke eng se o ka ithutang sone mo sekaong sa ga Jesu?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Go Nna Mosha​—Nka Bua le Batsadi ba me Jang?” Motsadi o tlogela go dira dilo dingwe mo ntlong gore a tshameke le ngwana wa gagwe.

    Batsadi ba gago ba go bontshitse jang gore ba a go kgathalela?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Go Nna Mosha​—Nka Bua le Batsadi ba me Jang?” Mokatisi o bontsha setlhopha sa gagwe gore ba tlile go tshameka jang.

    Batsadi ba gago ba batla gore o atlege

    Ke melaomotheo efe ya Baebele e e ka go thusang go bua le batsadi ba gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela