LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 July ts. 11
  • O ka Thusa ba Lelapa la Gago Gore ba Itumele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Thusa ba Lelapa la Gago Gore ba Itumele
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakololo e e Botlhale ya Mmè
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Jehofa o Kgalemela Ba a Ba Ratang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dirisa Melaometheo Gore o Thuse Bana ba Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 July ts. 11
Ditshwantsho: Ditiragalo go tswa mo bidiong ya “Dira Gore go Nne le Boitumelo mo Lelapeng.” 1. Bana ba basetsana ba lebile batsadi ba bone ba itumelela go ja sengwe se se botshe. 2. Ba tshega ka nako ya kobamelo ya lelapa. 3. Mongwe wa basetsana o tlhola mmaagwe yo o robetseng mo sofeng e bile a lwala.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Thusa ba Lelapa la Gago Gore ba Itumele

Jehofa o batla gore malapa a itumele. (Ps 127:3-5; Mor 9:9; 11:9) Mme gone, ka ntlha ya mathata le diphoso tse ba malapa a rona ba di dirang go ka nna thata gore re itumele. Ke eng se mongwe le mongwe mo lelapeng a ka se dirang gore lelapa le itumele?

Monna o tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe. (1Pe 3:7) O tshwanetse go fetsa nako le ene. Ga a tshwanela go lebelela gore mosadi wa gagwe a dire dilo tse a sa kgoneng go di dira e bile o tshwanetse go bontsha gore o lebogela dilo tse mosadi wa gagwe a mo direlang tsone le ba lelapa la gagwe. (Bak 3:15) Gape o tshwanetse go mmolelela kafa a mo ratang ka gone.—Dia 31:28, 31.

Mosadi o tshwanetse go tshegetsa monna wa gagwe. (Dia 31:12) O tshwanetse go mo ikobela le go dirisana sentle le ene. (Bak 3:18) Gape o tshwanetse go bua sentle le ene le go bua dilo tse di siameng ka ene mo bathong ba bangwe.—Dia 31:26.

Batsadi ba tshwanetse go fetsa nako le bana ba bone. (Dut 6:6, 7) Ba tshwanetse go ba bolelela gore ba a ba rata. (Mat 3:17) Mme fa ba ba otlhaya ba tshwanetse go dira jalo ka botlhale le ka lorato.—Bae 6:4.

Bana ba tshwanetse go reetsa batsadi ba bone. (Dia 23:22) Ba tshwanetse go bolelela batsadi ba bone dilo tse ba di akanyang le tsela e ba ikutlwang ka yone. Gape ba tshwanetse go amogela kotlhao mo batsading ba bone le go bontsha gore ba a ba tlotla.—Dia 19:20.

LEBANG BIDIO YA DIRA GORE GO NNE LE BOITUMELO MO LELAPENG, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:

• Ke eng se mongwe le mongwe wa bone a ileng a se dira gore lelapa la bone le nne le itumetse?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela