LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb22 May ts. 11
  • Laola Dikeletso Tsa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Laola Dikeletso Tsa Gago
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Tshwanetse go Itse Eng ka go Goga le go Veipa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Go Goga Motsoko?
    Tsogang!—2011
  • Nka Lwantsha Jang Tlhotlheletso E E Maatla ya Gore Ke Goge Motsoko?
    Tsogang!—1991
  • Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb22 May ts. 11

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Laola Dikeletso Tsa Gago

E re ka re le batho ba ba nang le boleo, re tshwanetse go leka ka natla go laola dikeletso tsa rona. Fa re dira sengwe le sengwe fela se re se eletsang, re ka feleletsa re latlhegetswe ke kamano e e molemo le Jehofa. Ka sekai, batho bangwe ba ka feleletsa ba rata dijo, diaparo le matlo go feta tsela e ba ratang Modimo ka yone. Ba bangwe ba tlola molao wa Modimo ka go kgotsofatsa keletso ya bone e e sa laolesegeng ya tlhakanelodikobo. (Bar 1:26, 27) Mme ba bangwe ba itetla go tlhotlhelediwa ke batho ba ba dirang dilo tse di sa siamang ka gonne ba batla gore batho bao ba ba rate le go ba amogela.—Ek 23:2.

Re ka laola jang dikeletso tsa rona? Re tshwanetse go leka ka natla go dira dilo tse di itumedisang Jehofa. (Mat 4:4) Gape re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go laola dikeletso tsa rona. Goreng? Ka gonne o itse se re se tlhokang e bile o kgona go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tse di siameng.—Ps 145:16.

LEBANG BIDIO YA, GO GOGA MOTSOKO GO KA SENYA BOTSHELO JWA GAGO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Se se diregang mo bidiong ya “Go Goga Motsoko go ka Senya Botshelo Jwa Gago.” Motšhine o ntsha dipopae tse di gogang motsoko.

    Goreng batho bangwe ba goga motsoko?

  • Se se diregang mo bidiong ya “Go Goga Motsoko go ka Senya Botshelo Jwa Gago.” Lekgwafo la motho yo o gogang motsoko le gotlhola botlhoko.

    Go goga motsoko go ka go bakela mathata afe?

  • Se se diregang mo bidiong ya “Go Goga Motsoko go ka Senya Botshelo Jwa Gago.” Mogwebi yo motonatona o kgwageditse sengwe mo hukung ya go tshwara ditlhapi gore a oke mosadi mongwe ka sone.

    Goreng mefuta e e farologaneng ya goga motsoko e sa siama?—2Bk 7:1

  • Se se diregang mo bidiong ya “Go Goga Motsoko go ka Senya Botshelo Jwa Gago.” Lekgarebe le eme kwa borulelong jwa ntlo mme le lebile letsatsi.

    O ka fenya keletso ya go goga motsoko!

    O ka dira eng gore o gane kgotsa o tlogele go goga motsoko?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela