MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
Jehofa O ne A Dira Sengwe se ba Neng Ba sa Se Solofela
Fa go ne go na le leuba le le botlhoko, Jehofa o ne a bua gore go ne go tla nna le dijo tse dintsi mo letsatsing le le latelang (2Dk 7:1; it-1-E 716-717)
Modiredimogolo mongwe wa Moiseraele o ne a belaela se Jehofa a neng a se solofeditse (2Dk 7:2)
Jehofa o ne a dira sengwe se ba neng ba sa se lebelela (2Dk 7:6, 7, 16-18)
Jehofa a re lefatshe leno le tlile go senngwa ka tshoganyetso e bile batho ba tla bo ba sa solofela seo. (1Bt 5:2, 3) Ke eng fa go le botlhokwa gore re dumele se Jehofa a se buang?