LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w20 June ts. 17
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tla ‘Nna o Tsamaya ka Moya’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A o Letla Moya wa Modimo o go Goga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Lo Nne Lo “Ungwe Maungo a Mantsi”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tswelela o Apara “Botho jo Bosha” Le fa O Sena go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
w20 June ts. 17

Dipotso Tse Di Tswang Kwa Babading

A dinonofo tse di tlhagang mo go Bagalatia 5:22, 23 ke tsone fela tse moya o o boitshepo o re thusa go nna le tsone?

  • LORATO

  • BOIPELO

  • KAGISO

  • BOPELOTELELE

  • BOPELONOMI

  • MOLEMO

  • TUMELO

  • BONOLO

  • BOIKGAPO

Ditemana tseno di umaka dinonofo di le robongwe tse moya o o boitshepo o ka re thusang go nna le tsone e leng, “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” Mme gone, dinonofo tseno, ga se tsone fela tse moya o o boitshepo o ka re thusa go nna le tsone.

Re itse seo jang? Pele moaposetoloi Paulo a umaka dinonofo tse moya o o boitshepo o ka re thusang go nna le tsone, o ile a re: “Ditiro tsa nama . . . ke kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, go fufega, mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.” (Bagal. 5:19-21) Fa Paulo a sena go bua ka “ditiro tsa nama” o wetsa ka gore, “le dilo tse di tshwanang le tseno.” Ka jalo, ga a a ka a umaka ditiro tsotlhe tsa nama tse di tlhagang mo go Bakolosa 3:5. Ka tsela e e tshwanang fa a sena go bua ka dinonofo tse robongwe tse moya o ka re thusang go nna le tsone o ne a re: “Ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tse di ntseng jalo.” Ka jalo Paulo ga a ka a umaka dinonofo tsotlhe tse moya o ka re thusang go nna le tsone.

Re kgona go tlhaloganya ntlha eno sentle fa re bapisa maungo a moya o re thusang go nna le one, le “maungo a lesedi” a Paulo a buileng ka one fa a ne a kwalela phuthego ya Efeso, o ne a re: “Maungo a lesedi a na le mofuta mongwe le mongwe wa se se molemo le tshiamo le boammaaruri.” (Baef. 5:8, 9) “Molemo,” tshiamo le boammaaruri ke karolo ya “maungo a lesedi” mme gape ke karolo ya leungo la moya.

Gape re ka kgona go tlhaloganya seno fa re bapisa dinonofo tse moya o re thusang go nna le tsone le tse Paulo a ileng a kgothaletsa Timotheo gore a nne le tsone, e leng, “tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko [le] bonolo.” (1 Tim. 6:11) Mo dinonofong di le thataro tse Paulo a ileng a kgothaletsa Timotheo go nna le tsone, ke di le tharo fela tse di tlhagang mo go Bagalatia 5:22 le 23 e le dinonofo tse moya o ka re thusang go nna le tsone, (tumelo, bonolo le lorato). Mme gone, Timotheo o ne a itse gore o tla tlhoka moya o o boitshepo gore a kgone go nna le dinonofo tse dingwe gape tse Paulo a di umakileng: tshiamiso, boineelo jwa bomodimo le boitshoko.—Bapisa le Bakolosa 3:12; 2 Petere 1:5-7.

Ka jalo Bagalatia 5:22, 23 ga e umake dinonofo tsotlhe tse Mokeresete a tlhokang go nna le tsone. Moya o o boitshepo o ka re thusa go nna le dinonofo tse robongwe tse di umakiwang e le karolo ya leungo la moya. Mme go na le dinonofo di le dintsi tse Bakeresete ba tlhokang go nna le tsone, tse moya o o boitshepo o ka ba thusang go nna le tsone gore ba nne le tumelo e e nonofileng le gore ba “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baef. 4:24.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela