LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 3 ts. 3
  • Rotlhe re Batla go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rotlhe re Batla go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matseno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Bokamoso jo bo Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • A go Nna Motho yo o Siameng go ka Dira Gore o Nne le Bokamoso jo bo Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • A go Huma le go Rutega go Dira Gore o Nne le Bokamoso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 3 ts. 3
Batsadi le ngwana wa bone ba lebile setlhare le malomo a sone.

Rotlhe re Batla go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang

O batla bokamoso jo bo ntseng jang? Batho ba le bantsi ba batla go nna le bokamoso jo bo itumedisang le ba malapa a bone, ba sa lwale, ba tshela ka kagiso e bile ba sa sotlege.

Mme bontsi jwa batho ga ba dumele gore seno se ka kgonega. Ba ile ba diragalelwa ke dilo di le dintsi tse di bosula ba sa lebelela. Ka sekai, fa COVID-19 e ne e tlhasela, batho ba le bantsi ba ile ba tlhokafalelwa ke masika le ditsala. Seno se dirile gore ba feleletse ba akanya gore ba ka se kgone go nna le bokamoso jo bo itumedisang.

Batho ba le bantsi ba batla sengwe se se ka ba tlhatswang pelo gore ba ka kgona go nna le bokamoso jo bo itumedisang. Bangwe ba akanya gore maatla mangwe a a sa tlwaelegang a laola matshelo a bone. Ba bangwe bone ba akanya gore ba tla nna le bokamoso jo ba bo batlang fa ba humile e bile ba rutegile. Ba bangwe ba akanya gore go nna motho yo o siameng ke gone go ka dirang gore ba tshele monate.

A dilo tseno tse re buileng ka tsone di ka dira gore o nne le bokamoso jo bo itumedisang? Fa o batla go itse, akanya ka dipotso tse di latelang:

  • Ke eng se se ka go thusang go nna le bokamoso jo bo itumedisang?

  • A o tla nna le bokamoso jo bo molemo fela fa o rutegile kgotsa o humile?

  • A go nna motho yo o siameng go ka dira gore o nne le bokamoso jo bo itumedisang?

  • O ka bona kae tshedimosetso e e ka go thusang go nna le bokamoso jo bo itumedisang?

Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tla go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela