LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp22 no. 1 ts. 3
  • Letlhoo le ka Fela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlhoo le ka Fela!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng Batho ba Tlhoane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Matseno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Letlhoo le Tla Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Letlhoo le Dira Gore Batho Botlhe ba Boge
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
wp22 no. 1 ts. 3
Ditshwantsho: Monna a hutsafaditswe ke batho ba ba mo tlhoileng. 1. Mosadi a tshwere founo ya gagwe a mo nyenyefatsa. 2. Mosadi yo mongwe a mo nyenyefatsa. 3. Monna a bala lokwalodikgang mme a mo dilola. 4. Mmegadikgang a bega mo thelebisheneng.

Letlhoo le ka Fela!

A o kile wa tlhoiwa ke mongwe?

Fa e le gore ga o ise o tlhoiwe ke ope, gongwe o kile wa bona batho ba itaana ka noga e tshela. Gantsi mo dikgannyeng re utlwa ka batho ba ba tlhoileng ba bangwe ka gonne ba tswa kwa nageng e sele, e le ba lotso lo sele kgotsa ka gonne ba ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Ka ntlha ya seo, dipuso di le dintsi di dirile melao ya gore fa o ka dira motho yo mongwe sengwe ka gonne o mo tlhoile, o otlhaiwe.

Batho ba gantsi ba tlhoilweng ba feleletsa ba tlhoa ba bangwe ba bo ba ipusolosetsa ka go ba dira dilo tse di bosula mme seo se dira gore letlhoo le se ka la fela.

Gongwe o mongwe wa batho ba ba kileng ba tlhaolwa, ba kgojwa ka mafoko le go tshosediwa. Letlhoo le dira gore batho ba dire ba bangwe dilo tse di bosula jaaka go ba kgokgontsha, go ba kgerisa, go ba senyetsa, go ba tlhasela, go ba betelela, go ba lwantsha tota le go ba bolaya.

Mo makasineng ono re tla araba dipotso tse di latelang:

  • Goreng go na le letlhoo le le kana kana?

  • Re ka dira eng gore batho ba se ka ba tlhola ba tlhoana?

  • A go tla nna le nako e batho ba tla bong ba sa tlhole ba tlhoana ka yone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela