LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp22 no. 1 ts. 4-5
  • Goreng Batho ba Tlhoane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Batho ba Tlhoane?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlhoo ke Eng?
  • LETLHOO LE SIMOLOTSE JANG?
  • LETLHOO LE ANAMA JANG?
  • BAEBELE E RE RUTA GORE LETLHOO LE SIMOLOTSE JANG
  • Letlhoo le ka Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Letlhoo le Tla Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
  • Ke Eng fa go Tletse Letlhoo Jaana?
    Tsogang!—1997
  • Goreng go Tletse Letlhoo Jaana?—Baebele e a Reng?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
wp22 no. 1 ts. 4-5

Goreng Batho ba Tlhoane?

Goreng batho mo lefatsheng ba tlhoane mo go kana kana? Gore re itse karabo ya potso eno re tlhoka go tlhaloganya gore letlhoo ke eng, ke eng fa batho ba tlhoana le gore ke eng fa le aname.

Letlhoo ke Eng?

Letlhoo ke go sa rate motho mongwe kgotsa batho ba ba rileng. Ga se go galefa ga nako eo fela mme ke sengwe se se tswelelang.

LETLHOO LE SIMOLOTSE JANG?

Go na le mabaka a mantsi a a dirang gore batho ba tlhoane. Batho ba ka tlhoa batho ba ba rileng le fa ba sa ba dira sepe se se phoso. Ba ka tlhoa batho bao ka gonne ba akanya gore batho bao ba bosula, ba kotsi le gore ga ba kitla ba fetoga. Ba ka tsaya gore batho bao ba a ba tshosetsa, ba a ba nyenyefatsa kgotsa ba ba pega molato ka ntlha ya mathata a a rileng. Batho ba ba tlhoileng ba bangwe ba ka tswa ba ile ba bogisiwa, ba direlwa tshiamololo kgotsa ba diragalelwa ke sengwe se se dirileng gore letlhoo leo le nne teng.

LETLHOO LE ANAMA JANG?

Ka dinako tse dingwe batho ba tlhoa ba bangwe le fa ba sa ba itse. Ka sekai, batho bangwe ba tlhoa ba bangwe ka gonne ba masika le ditsala ba ba tlhoile. Mo go rayang gore fa go na le mongwe mo lelapeng kgotsa mo setšhabeng yo o tlhoileng batho bangwe ba ba rileng, ba ba mo lelapeng leo kgotsa mo setšhabeng seo le bone ba ka simolola go ba tlhoa.

Fa re tlhaloganya gore go motlhofo go tlhoa ba bangwe, re tla kgona go tlhaloganya gore ke eng fa batho ba le bantsi ba tlhoana jaana. Gore re kgone go dira gore batho ba se ka ba tlhola ba tlhoana re tshwanetse go tlhaloganya gore letlhoo le simolotse jang. Baebele e re bolelela gore le simolotse jang.

BAEBELE E RE RUTA GORE LETLHOO LE SIMOLOTSE JANG

Matshwao a mabedi a a bontshang gore letlhoo le anama jang. 1. Maaka, batho ba o tsamayang le bone, batho mo Internet le dikgang. 2. Go sa itse ka lotso, mmala kgotsa bodumedi. 3. Go tshaba diphetogo, go latlhegelwa ke sengwe le go sa itse gore go tla diragala eng. 4. Letlhoo le ka dira gore go nne le tlhaolele, go sa tshwarane sentle le ntwa.

LETLHOO GA LE A SIMOLOLA KA BATHO. Le simolotse fa moengele kwa legodimong yo moragonyana a neng a bidiwa Satane Diabolo a ne a tlhanogela Modimo. Satane “e ne e le mmolai go tloga kwa tshimologong” fa a ne a tlhanoga. E re ka e le ‘moaki e bile e le rramaaka,’ o tsweletse ka go dira gore batho ba tlhoane. (Johane 8:44; 1 Johane 3:11, 12) Baebele e a re o bosula, o tletse bogale e bile o tlhasela batho.—Jobe 2:7; Tshenolo 12:9, 12, 17.

GO MOTLHOFO GORE BATHO BA TLHOANE. Motho wa ntlha e bong Adame o ne a dira se Satane a neng a se dira ka go leofa. Ka ntlha ya seo, batho botlhe ba ne ba nna le boleo ba bo ba dira diphoso. (Baroma 5:12) Morwa wa ntlha wa ga Adame e bong Kaine o ne a tlhoa monnawe e bong Abele mo a neng a mmolaya. (1 Johane 3:12) Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba rata ba bangwe e bile ba ba utlwela botlhoko. Mme ka ntlha ya boleo, batho ba bangwe ba le bantsi ba ikakanyetsa ba le bosi, ba pelotshetlha e bile ba itseela kwa godimo. Dilo tseno tsotlhe di dira gore ba tlhoe ba bangwe.—2 Timotheo 3:1-5.

GO MOTLHOFO GORE MOTHO YO O SA RATENG BA BA SA TSHWANENG LE ENE A BA TLHOE. Lefatshe le re tshelang mo go lone le dira gore batho ba se ka ba nna pelotlhomogi le gore ba tlhoane. “Lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane” mme seno se dira gore batho ba se ka ba rata ba bangwe, ba ba tlhaole, ba ba kgobe ka mafoko, ba ba bogise le gore ba ba tlhasele.—1 Johane 5:19.

Mme gone Baebele ga e bue fela ka gore letlhoo le simolotse jang. Gape e bua ka gore letlhoo le ka fedisiwa jang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela