LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp23 no. 1 ts. 5
  • Modimo O a Go Kgathalela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo O a Go Kgathalela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuso e e Tswang Kwa ‘Modimong wa Kgomotso’
    Tsogang!—2009
  • Ke Batla go Swa—A Baebele e ka Nthusa Fa ke Na le Dikakanyo Tsa go Batla go Ipolaya?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Baebele e ka Nkgomotsa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Modimo A re O Tlile go Fedisa Malwetse a Tlhaloganyo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
wp23 no. 1 ts. 5
Lekawana le ntse fa fatshe go bapa le bolao le bala Baebele.

Modimo O a Go Kgathalela

BAEBELE e na le kgakololo e e di gaisang tsotlhe e e ka re thusang, ka gonne e tswa kwa Modimong. Ga se buka ya kalafi, mme gone e ka re thusa ka ditsela tse di farologaneng gore re itshokele maemo a a ngomolang pelo, dikakanyo tse di tlhobaetsang, kutlobotlhoko le mathata a botsogo a re ka nnang le one no mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong.

Sa botlhokwa thata, Baebele e re netefaletsa gore Mmopi wa rona, e bong Jehofa Modimo,a o tlhaloganya se re se akanyang le kafa re ikutlwang ka gone go gaisa motho ope yo mongwe. O ikemiseditse go re thusa gore re kgone go itshokela mathata ape fela a re kopanang le one. Ka sekai, ela tlhoko ditemana tseno tse pedi tsa Baebele tse di gomotsang:

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; o boloka ba ba kgobegileng marapo.”​—PESALEMA 34:18.

“Gonne nna Jehofa, Modimo wa gago, ke tshwara seatla sa gago sa moja, nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Ke tla go thusa.’”​—ISAIA 41:13.

Mme gone, Jehofa o re thusa jang gore re kgone go itshokela malwetse a tlhaloganyo? Jaaka o tla bona mo ditlhogong tse di latelang, Jehofa o bontsha ka ditsela di le dintsi gore ruri o a re kgathalela.

a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela