3 | Kafa Dikao Tsa mo Baebeleng Di ka Go Thusang ka Gone
BAEBELE E BUA KA . . . Banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba na le “maikutlo a a tshwanang le a rona.”—JAKOBE 5:17.
Se e Se Kayang
Baebele e na le dipego di le dintsi tsa banna le basadi ba ba neng ba ikutlwa ka ditsela tse di farologaneng. Fa re ntse re bala dipego tseno, re ka nna ra lemoga gore mongwe wa bone o ne a ikutlwa ka tsela e re ikutlwang ka yone.
Kafa Seno se ka Thusang ka Gone
Rotlhe re batla gore batho ba bangwe ba tlhaloganye kafa re ikutlwang ka gone. Mme seno se boammaaruri segolobogolo fa re na le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Fa re ntse re bala Baebele, re ithuta ka batho bangwe ba ba neng ba akanya e bile ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya rona. Ka ntlha ya seo, re lemoga gore bothata jono ga bo simolole ka rona, mme seo se re thusa gore re se ka ra ikutlwa re le nosi fa re tlhobaela kgotsa fa re na le maikutlo a mangwe a a ngomolang pelo.
Baebele e na le mafoko a le mantsi a a neng a buiwa ke batho bangwe ba ba neng ba tlaletswe e bile ba sa itse gore ba ka dira eng ka boemo jo ba leng mo go jone. A o kile wa tlelwa ke kakanyo ya gore o ka se kgone go tswelela o tshela’? Moshe, Elija le Dafide ba kile ba akanya jalo.—Dipalo 11:14; 1 Dikgosi 19:4; Pesalema 55:4.
Baebele e re bolelela ka mosadi mongwe yo o bidiwang Hana, yo o neng a “hutsafetse thata” ka gonne a sa kgone go tshola bana e bile mogadikane wa gagwe a mo kgoba ka ntlha ya seo.—1 Samuele 1:6, 10.
Baebele e bua ka monna mongwe yo o bidiwang Jobe, yo re ka tswang re ikutlwa ka tsela e a neng a ikutlwa ka yone. Le fa gone a ne a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, o ile a tshwenyega thata mo maikutlong a bo a re: “Ke tlhoile botshelo jwa me; ga ke batle go tswelela ke tshela.”—Jobe 7:16.
Fa re ithuta ka se batho bano ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ileng ba se dira gore ba fenye ditsela tse di sa siamang tsa go akanya, le rona re ka kgona go nna le maatla a re a tlhokang gore re itshokele dilo tse di re ngomolang pelo.